Breaking News

Go kopela ruri ga go monate

24 Jun 2018

Bagwebi ba babotlana ba ba dirang dithoto ka diatla mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ba rotloeditswe go dira ka natla gore ba kgone go ntsha dithoto tse di nang le boleng go ngoka bareki.

Mookamedi wa lephata la bong, Mme Thapelo Phuthego o buile jalo kwa ditshupong tsa bagwebi ba babotlana ba ba dirisang diatla go ntsha dithoto ka go farologana kwa Mookane ka Matlhatso a re tiro ya diatla e tshwanetse ya dirwa ka botswapelo gore mogwebi a bone letseno.

O supa gore mo botshelong mongwe le mongwe o tshela ka mofufutso wa phatla ya gagwe.

Mme Phuthego a re go tshela ka mpha mpha go a lapisa, a tlatsa ka go re ga go monate go kopela ruri, ka jalo a gatelela botlhokwa jwa go itirela.

“Go nna mokopi bagaetsho go tsala kgokgontsho.”

Mme Phuthego a re ba ofisi ya boipelego ba rulaganya ditshupo tsa mofuta o, go thusa bagwebi ba ba fatlhogang ba thusitswe ka lenaneo la Nyeletso Lehuma gore ba itsege.

O ne a rotloetsa bagwebi ba ba neng ba gaisana kwa ditshupong tseo go tswelela ba dira ka natla le go ithuta mo go ba bangwe.

“Le seka la timana thuto. Rutanang le amogele maele le ba bangwe.”

Mme Phuthego a re kgaisanyo ya mofuta o e tlaa ba thusa gore ba kgone go tokafatsa boleng jwa dithoto tsa bone.

O ne a akgola bomme go inaakanya le ditiro tse di dirwang ka diatla ka dipalo tse di kwa godimo.

Mme Phuthego a re ditshupo tseo di tlotlomatsa bokgoni jwa bomme, a tlatsa ka go re ofisi ya gagwe e ntsha dikgakololo mo bodireding le badiri ba dithoto go tlhabolola seemo sa ditshupo tsa mofuta o.

Mme Thapelo a re maitlamo a ga Tautona Mokgweetsi Masisi ke go tsweledisa mananeo a a itebagantseng le go nyeletsa lehuma, le go tlhamela banana ditiro.

O ne a supa gore maikaelelo a ga Tautona Masisi a tlaa fetoga leruri ka thuso ya bagwebi ba ba dirang ka natla ba tokafatsa matshelo a bone le go tlhama ditiro.

O supile gore seemo se se gwetlha ba ba thusitsweng ka mananeo a puso le mongwe le mongwe mo setshabeng go dirisa tse ba di filweng.

O ne a supa botlhokwa jwa thuto mo go godiseng bagwebi ba babotlana.

Mme Phuthego a re thuto e ka thusa gore morafe o itshetse ka tsotlhe tse di mo tikologong ya bone. “Le one mmu tota o o fa pele ga rona o, mongwe o ka o dirisa go itshetsa.”

Mme Phuthego a re go botlhokwa go ruta bana ka bonyana jwa bone gore ba gole ka ditlhaloganyo tse di nonofileng ba itse botlhokwa jwa go itirela.

O gateletse gore Nyeletso Lehuma ke lengwe la mananeo a konokono a a itebagantseng le go tlhabolola le go tswakanya itsholelo.

Mme Phuthego a re itsholelo e e kwa tlase e kgona go tseela motho seriti.

“Maikaelelo a mananeo a puso ka go farologana ke go tlhabolola matshelo a lona gore le kgone go godisa itsholelo.”

O supa gore puso e lemoga fa dithoto tsa bagwebi ba babotlana ba ba dirang ka diatla di sheleketla go bona mmaraka o o popota, o o itshetletseng, ka jalo go rulaganya ditshupo tsa mofuta o, ke lengwe la maano a go araba selelo se.

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Tassman Cebani a re maikaelelo a go rulaganya ditshupo tsa mofuta o ke go ruta Batswana ditiro tse ba ka di dirang ka diatla go itshetsa.

Le fa Setswana se re ‘ga re lekane re se meno,’ mokhanselara Cebani o gakolotse manotonyana a banni ba Mookane ba ba neng ba tsile go bona disupiwa gore ba seka ba ineela fa seemo sa bone sa botshelo se le kwa tlase, ka jalo a ba kgothatsa go tswelela ba dirisa mananeo a puso go ikinola mo lehumeng.

Rre Cebani a re ‘mokoduwe go tsosiwa o itekang’, ka jalo ba seka ba naya tshwene marapo ba tswelele ka go dira ka diatla ba supa dikitso tse ba di abetsweng ke Modimo go itshetsa.

“Lona bagwebi ba ba potlana ke le rotloetsa go bula matlho, le kwatabolotse dikitso mo go ba bangwe.”

O kopile setshaba ka kakaretso go rotloetsa bagwebi ba ka go reka dithoto tsa bone.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Mookane, Rre Thebe Setlalekgosi o supile fa a sa itumedisiwe ke go ngodiega ga banana go tla kwa ditshupong tseo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : BOPA

Event : Ditshupo tsa bagwebi ba babotlana

Date : 24 Jun 2018