Phepafatso tikologo e botlhokwa
21 Jun 2018
Lephata la tlhokomelo tikologo la khansele- potlana ya Tonota ka tshwaragano le ba bogosi ba tlaa simolodisa lenaneo la phepafatso tikologo mo metseng yotlhe e e welang ka fa tlase ga kgaolo-potlana e.
Mogolwane mo ofising ya tlhokomelo tikologo Mme Goitseone Mogapi o boletse fa maikaelelo magolo e le go rotloetsa setshaba go nna mabogodika mo phepafatsong tikologo ya sennela ruri le go ba rotloetsa go fetolela matlakala mo tirisong, e le tsela ya go phephafatsa tikologo.
O tlhalositse fa koloi ya matlakala e tlaa tsamaya le metse yotlhe ya kgaolo potlana ka malatsi a a farologanyeng go tsaya matlakala, ka jalo a kopa morafe go phepafatsa le go kgobokanya matlakala.
Kgosi Bokamoso Radipitse a re go tlaa nna le dikgaisanyo tsa phepafatso ya metse, dikole ga mmogo le disupiwa tse di dirilweng ka puseletso ya matlakala mo tirisong monongwaga.
O boletse fa a tshwenngwa ke ka fa tikologo ya Tonota e sa kgatlheng leitlho ka teng ka mabaka a leswe le matlakala a a gasameng mo motseng.
A re tatlhegelo ya seetsele sa bophepa go tswa mo go bone go ya kwa khanseleng-potlana ya Tutume ke sesupo sa gore motse wa bone ga o mo seemong se se itumedisang.
Kgosi Radipitse a re go thona gore morafe e be e le one o leswafatsang tikologo ka go latlhela matlakala mo mebileng le mo dinokeng ntswa e le maikarabelo a bone gore ba ka bo ba thusana le lephata la tlhokomelo tikologo mo phepafatsong.
O boletse fa malwapa ka bontsi a sena dibeela matlakala, selo se a reng se tsisa dipotso tsa gore ba latlhela matlakala kae ka go sa supafale a tsewa ke koloi ya khansele.
Kgosi o tlhagisitse banni go ikgapha mo go tshubeng matlakala ka go sa siamela botsogo le loapi.
A re ba emise mokgwa wa go baya matlakala ka mephuthelwana fa tlase ga ditsela ka dintsa di a kgagola a bo a jewa ke leruo.
O rotloeditse banni go ikwadisetsa go tseelwa matlakala ke koloi ya lephata la tlhokomelo tikologo ka go duelwa bonnyenyane jwa P12 ka kgwedi.
Modiredi wa ofisi ya tlhokomelo tikologo Mme Pearl Masedi o ne a fa banni maele a go busetsa matlakala mo tirisong, a supa fa e le selo se se botlhokwa se motho a ka kgonang go itshetsa ka sone.
A re puseletso matlakala mo tirisong e fokotsa go tlala ga lefuti la matlakala le letona, a tlhalosa fa ofisi ya bone e ikemiseditse go thusa mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego ya go busetsa matlakala mo tirisong le go neela batho teseletso ya go sela matlakala kwa lefuting le letona. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Priscilla Kgang
Location : Tonota
Event : Potsolotso
Date : 21 Jun 2018



