Breaking News

Dipolaano tsa baratani di ka thibelwa

21 Jun 2018

Dipolaano tsa baratani di ka thibelwa fela fa setshaba se ka itlama go ema ka dinao go rutana le go amogana megopolo ka tse di ka tswang di baka dipolaano tseo.

Se se builwe ke mookamedi wa lekgotla la Genesis 21 Rre Kgosiyabone Mmereki fa a buisa phuthego kwa kgotleng kgolo ya Batawana mo Maun ka Laboraro, mo letsholong la bone la go ruta setshaba kgatlhanong le dipolaano tsa baratani.

Rre Mmereki o tlhalositse fa borre ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go gasa le go phatlalatsa molaetsa le megopolo ka dikgang tse tsa dipolaano go leka go rarabolola bothata joo.

A re letsholo leo le gwetlhilwe ke dipalo tse di golelang pele, a tlhalosa fa mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, dipalo tseo di gola.

O ne a tlhalosa fa dipalo di supa gore ka 2009, bomme ba le masome a roba bobedi le bobedi ba ne ba tlhokafala a tlhalosa fa ditshekatsheko di supa fa bomme ba le babedi mo lesomeng ba bolawa. O bile a re setshaba se tlhoka go fetola megopolo le ditumelo, bogolo jang tsa borre, a tlhalosa fa dilo tsa go nna jalo  di rotloediwa ke dingwao tse di farologanyeng.

Rre Mmereki a re go le gantsi, dipolaano tse di tlhotlhelediwa ke tumelo ya borre ya gore ke bone fela ba ka tsayang tshwetso ya go fedisa lorato ka gore ke bone ba le simolotseng, mme a tlhalosa fa go sa tshwanela go nna jalo, ka le mme a na le boikgethelo jwa go tswa mo loratong fa a sa tlhole a le batla. O ne a kgothatsa borre go amogela seemo le go batla dithuso tsa ba bogakolodi fa ba iphitlhela ba le mo seemong seo.

“A re emeng ka dinao re lwantsheng dipolaano go boloka setshaba ka gore fa o boloka botshelo jwa motho a le mongwe fela o a bo o bolokile matshelo a batho ba ba bedi a a kabong a latlhegile mo nakong eo,” a tlhalosa.

Moemela kgosikgolo ya Batawana, Kgosi Leretetse Mogalakwe o ne a gakolola ba lekgotla leo go dira ditshekatsheko tse di tseneletseng go bona se se ka tswang se baka dipolaano.

Kgosi o bile a re ke nako ya gore go boelwe morago go batlisisa gore phoso e dirilwe fa kae fa dipalo tsa dipolao di ile magoletsa mo dingwageng tsa gompieno ka gore mo dinakong tsa maloba dipolao di ne di seyo.

O ne a ngongorega gape gore malatsing ano, go lebega borre ba kgaphetswe thoko mo dipuisanyong tsa letsatsi le letsatsi gotlhe le mo makgotlaneng ka go buiwa thata ka bomme le bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepo Botshelo

Location : Maun

Event : Phuthego

Date : 21 Jun 2018