Breaking News

Sekolo sa Central se supa bopelotlhomogi

21 Jun 2018

Barutabana, baithuti le batsadi kwa sekoleng se sebotlana sa Central kwa Palapye ba tsere tshwetso ya go netefatsa gore baithuti ba nna mo tikologong e e siameng e bile e sa kgoreletse dithuto.

Ba tlhomamisitse se ka go thama mokgatlho o o bidiwang Mabogo dinku o o simologileng ka 2010.

Maikaelelo e ne e le go  aga ntlo e e tlaa dirisiwang ke mongwe wa baithuti yo o tlhokileng lesego.

Leloko, Rre David Mantsi o boletse fa mokgatlho o dumalane go aga ntlo ya dikamore tse pedi le sephatlo e le boithaopo jwa sekole le ba-tsaya karolo ba bangwe.

A re ditlamelo tse di boutsana di ne tsa dira gore ba tseye dingwaganyana ba ntse ba leka go feleletsa ntlo.

A re maikaelelo jaanong ke go  tsosolosa thulaganyo ya go fetsa kago eo.

“Ke maikarabelo a rona go bona gore ngwana o nna le tsotlhe tse a di tlhokang jaaka dijo, diaparo le boroko.  

Fa sengwe sa dilo tseo di tlhaela di tshwantse go rekwa.

Ga go monate  go bona ngwana a tshela bokete ntswa go na le ba ba ka thusang,” go bolela Rre Mantsi.

A re ba kgonne go kgobokanya P 7 217 mme a sa lekana seelo se ba se ipeetseng, ka jalo a ikuela mo go botlhe go thusa ka se ba ka se kgonang go tshwaraganela tiro eo.

O kopile batsadi le barutabana go tsenya letsogo mo tirong e, a bolela fa ba tlhoka baithaopi ba ba tlaa nnang le seabe mo kagong le ba ba ka ntshang didirisiwa tsa kago.

“Re itela mo go ope fela yo o nang le kitso mo go tsa kago go thusa fa re emeletsa ntlo go tswa kwa tlase go fitlhela e fela.”

Rre Mantsi a re ba setse kgobokantse didirisiwa tsa kago go tswa kwa go ba Majoka Hardware, A1 Hardware, Lotsane Hardware, motlhaba wa kago go tswa kwa Mumbai Auto parts, ditena go tswa kwa Bricks Production

Company, fa Shoe size e ntshitse P1 290 mme barutana ba sekole seo bone ba ntshitse P50 mongwe le mongwe.

Mongwe wa batsadi Mme Warona Pelotshweu o boletse fa e le maikarabelo a motsadi, ngwana le morutabana go tshwaraganela thuto gore ba tle ba tswelele pele go ntsha maduo.

O kopile batsadi go nna le nako ya go etela dibuka tsa bana le gone gore ba nne barutabana kwa lwapeng, e le yone tsela ya go tsenya leitlho mo go boneng gore a ba dira sentle mo dithutong.

O ne a rolela sekole sa Central hutshe ka lenaneo le ba le dirang a bolela fa ba dira tiro e ntle thata ya go thusa ba ba ’kobo dikhutshwane e bile batho ba tshwanetse go kwatabolola go tswa go bone.

Kgosi Lebang wa kgotla ya Boikago, o akgoletse batsadi go tla ka dipalo tse dintsi fa ba utlwa mokgosi ka ba bilediwa tse di amang matshelo a bana.

O boletse fa thuto ya ngwana e simolola kwa lapeng ka jalo batsadi ba tshwanetse go godisetsa bana mo tikologong e e siameng, a rotloetsa batsadi go nna teng mo kgolong ya bana.

A re sekole le dikompone tsotlhe tse di tsentseng letsogo mo kagong ya ntlo eo le ditlhatlhobolo tsa sekole di tshwanetse tsa opelwa legofi, a tlhalosa fa moroto wa esi o sa ele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kutlo Orman

Location : Palapye

Event : Potsolotso

Date : 21 Jun 2018