Breaking News

Katisenge o tsosolosa ngwao

21 Jun 2018

Mme Lesedi Katisenge wa kgotla ya Botshabelo mo Maun ke mongwe wa ba ba ititeileng sehuba go tshegetsa le go somarela ngwao gore bana ba kgone go e akola mo isagong.

Ke mongwe wa bomme ba ba santseng ba ipelafatsa ka ntlo ya bojang, selo se bontsi bo sa se direng ka batho ba inaakantse le moago wa sesha.

Mme Katisenge o bolela fa a rata ntlo e e ruletsweng ka bojang ka e na le sekao sa ngwao ya Setswana.

A re kwa morakeng wa gagwe kwa Maego o agile matlo a Setswana ka a lemogile gore a ka nna thuto mo bananeng a lebeletse gore dingwe tsa ngwao jaaka didirisiwa di nyelela ka monokela.

Mme Katisenge o tlhalositse fa a inaakantse le go dirisa setlhare sa mokgotse se a reng mo malobeng se ne se le botlhokwa ka jaana batho ba ne ba bofa bojang le gone go rulela ka sone.

A re e re ka setlhare seo le sone se gomagomediwa ke go nyelela, o bone go le botlhokwa go se somarela ka se a na le boleng le bokao mo ngwaong.

A re setlhare se  gantsi o  se kgetla mariga  ka se a bo se siametse go ka dirisiwa.

O supile fa a le motlotlo ka jaana bangwe ba tsere malebela mo go ene mme ba kgatlhegela go se dirisa.

O kaile fa setlhare seo se diriswa gape go kgabisa mo malwapeng ka jaana se nna fela se le setala le gore bangwe ba kgona go se dirisa go alafa ditsebe.

Mme Katisenge a re gantsi fa a ya go kgetla setlhare se o tsamaya le bana ba gagwe, a tla a ba ruta le go ba supegetsa gore go dirwa jang gore le bone kamoso ba tsweledise tema e a e segileng.

O gakolotse balekane ba gagwe go nna sekao mo bananeng, go ba ruta  ka didirisiwa tsa bogologolo gore di seka tsa nyelela, a tlatsa ka go re go na le dilo tse di neng di dirisiwa bogogolo tse di nyeletseng jaaka lodi le le neng le dirisiwa mo matlong a Setswana fela jaaka mokgotshe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 21 Jun 2018