Motshelo o tlodisa Tshwene melatswana
21 Jun 2018
E setse e le tlwaelo gore bomme mo mafelong ka go farologana ba ipope go thusana botshelo ka metshelo.
Mongwe wa bomme bao ke Mme Boitshepo Tshwene wa Sekokwe le mo kgaolong ya Matsiloje/Matshelagabedi, yo o dingwaga tse di masome mararo le boraro.
A re e re ka go twe dilo makwati, o ne a bona go tshwanela gore a ikopanye le ba ba setseng ba itse gore go dirwa jang go ka kgobokanya madi, mme a kgona.
Mme Tshwene a re ka 2015 fa o simolola, e ne ya nna maikaelelo a gagwe go leka go ikisa meriting, a ititaya sehuba mme a tsena motshelo o a neng a duela P200 kgwedi le kgwedi.
A re tumalano e ne e le gore fa ngwaga o ya bokhutlong ba tlaabo ba kgaogana madi ao.
“Ke ne ka iteka tota, ka dira ka natla gore ke seka ka tlhaelela mo tseleng, mme ka nnete ya re ngwaga fa o wela ka roba se ke se jwadileng,” a tlhalosa.
Mme Tshwene a re o ne a dirisa madi ao go itshemololela semausu mo gae ka a ne a lemogile gore batho ba a sokola go ya go reka dijo le tsa go tlhapa kwa toropong.
A re o ne a reka tsotlhe tse di tlhokafalang ka a ne a na le tumelo ya gore batho ba tlaa reka mo go ene e bile o tlaa kgona go ithekisetsa ka a sa bereke.
Mme Tshwene, yo o tlhalositseng fa e le motsadi wa bana ba le bane, a re o sale a simolodisa kgwebo e bana ba gagwe ga ba ke ba tlhoka phaletshe.
A re le fa go ntse jalo, o na le dikgwetlho tsa gore baagisanyi ba a kolota fa go phaphaletse, e re morago bangwe ba tloge ba mo tsenye dingalo go duela.
Gape a re se se ama kgwebo ya gagwe ka jaana go le turu go duela koloi go mo tsisetsa tse di rekisiwang mo semausung.
Mme Tshwene o ne a tshwaela gore e re le ntswa a kgonne go itshimololela kgwebo, e bile e le ene a e tsamaisang, o ne a tlhoka lesego mme ya re a sa le ngwana a dira dithuto tsa gagwe tse di potlana, a tlhaselwa ke go ruruga maoto mo go neng ga mo tlogedisa sekole ka ntata ya gore se ne se le kgakala thata le kwa a neng a nna teng.
O tlhalositse fa se se ne sa seka sa mo dira gore fa a gola, a nne fela a re a direlwe sengwe le sengwe mme o ne a itshetsa ka go thusa batho mo gae ba mo atswa go fitlhelela a bo a felela a fetotse botshelo jwa gagwe.
A re e re le ntswa a sa tsena sekole, o kgona go bala madi le go kwala, selo se a tlhalositseng fa se mo solegela molemo go godisa kgwebo ya gagwe.
Mme Tshwene a re o ititeile sehuba go godisa kgwebo ya gagwe ka e bile a sena ope yo a iteisanang borathana nae.
A re o eletsa gore mo dingwageng tse di tlang, a bo a atolositse tse a di rekisang a tsentse le dilo tsa kago ka jaana masimo a bone a gola.
O gakolola banana gore maano a botshelo ga a site, e bile ba ba sa itewang seatla jaaka ene ba seka ba itlhoboga ba nne ba lekeletse gore ke eng se se ka ba berekelang go ka itshetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebalepile Phuthego
Location : SEKOKWE
Event : Potsolotso
Date : 21 Jun 2018



