Breaking News

Botshelo kgetsi ya tsie

21 Jun 2018

Morago ga go tshela ka lobaka ba dira ditiro tsa nakwana ka go sena diphatlha tsa mebereko, bo rre bangwe kwa Francistown ba bone go tshwanetse go nna mabogodika go ipetlela tsela ya botshelo.

Borre ba; Rre Molemogi Chalashika, 39, a tlholega kwa Tamasane le Rre Oarabile Tauyatshipi, 27, wa Goshwe, ba tsene mo kgolaganong ngwaga ono o simologa go inaakanya le kgwebo ya go roka.

Bobedi jo, bo tlhalositse gore ntswa dikgwebo tsa go roka di setse di aname, bone ba ne ba nna le maitemogelo a gore ga se baroki botlhe ba ba itebagantseng le thoko ya diaparo tsa metshameko.

Selo se, se ne sa ba gwetlha go tsena mo kgwebong ya go nna jalo ka maikaelelo a go apesa ditlhopha tsa metshameko tsa mono gae.

Rre Chalashika o tlhalositse fa bokopano jwa bone bo simologile fa ba ne ba bogetse motshameko wa kgwele ya dinao wa ditlhopha tsa Untouchable Swallows le Moselewapula DRC kwa Gerald ka Tlhakole, mme Rre

Tauyatshipi a kgatlhwa ke diaparo tse a neng a di roketse bana ba gagwe tsa kapari ya metshameko.

Bobedi jo, bo ne jwa kopana go dumelana ka fa ba tlaa berekang mmogo ka teng mme ba ne ba  kwadisa kgwebo ya bone semmuso e ba e biditseng Monglachaa Company, e direla mo Francistown.

Rre Chalashika o tlhalositse fa a kwataboloditse botsipa jwa go roka kwa komponeng e e itsegeng ka go roka ya Nortex.

Ba tlhalositse gore ntswa ba ise ba nne le ditsompelo tse di lekaneng tsa go tsamaisa kgwebo, ba tsweletse ka go itemogela kgolo ka jaana ba bolela fa ditlhopha ka go farologana di tsweletse ka go ba rotloetsa.

Borre ba, ba supa fa ba setse ba roketse ditlhopha tsa Untouchable Swallows, setlhopha sa Makobo, sa Semolale, balatedi ba Gunners ba Francistown, setlhopha sa Tamasane le tse dingwe ka go farologana.

Ba tlhalosa gape fa mo ditlhopheng tsa metshameko tse ba di rokelang, ba aga ba dira gore ba roke le kapari ya balatedi ba ditlhopha tseo e bile e tsamaisana le kapari ya setlhopha sa bone.

Ba supile fa leano le le ba thusitse go menagane go dira dipoelo tse di botoka ka ba bolela fa balatedi ba ditlhopha ba aga ba le bantsi, ba tlatsa ka go re ba ba rokela le di track top.

Mo nakong eno ba re ba ikgolagantse le mongwe yo a tshwantshang dikano go nna a ba tshwantshetsa kapari ya ditlhopha tse ba di rokang.

Ba ne ba tlatsa ka go kgothatsa banana segolo jang go inaakanya le ditiro tsa diatla go itshetsa le go leka go fefosa go bula diphatlha tsa ditiro.

Selo se setona se ba tlhalositseng fa se le botlhokwa mo mererong ya kgwebo e le  go nna pelotelele ga mmogo le go nna le maitlamo le maikemisetso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : Francistown

Event : Potsolotso

Date : 21 Jun 2018