Mapodisi a kopa go thusiwa ka ditlhotlhomiso
20 Jun 2018
Mapodisi a Moshupa a kopa setshaba, segolo jang babereki ba madirelo a paakanyo ya dikoloi go ba thusa go tshwara mokgweetsi wa koloi e e thudileng ya ba ya baka loso lwa monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo wa kgotleng ya Jerusalema mo Moshupa.
Ass supt Joel Sebotho o buile mo potsolosong bosheng gore mokgweetsi o ne a inaya naga morago ga tiragalo eo.
A re setshaba se ka ikgolaganya le mapodisi ape fela a a gaufi fa go nale yo ba mmelaelang.
Rre Sebotho o tlhalositse fa ba ne ba amogela pego ka mofeti le tsela ka phirimane ya letsatsi la Matlhatso fa monna mongwe a rapaletse fa gare ga tsela ya A10 kwa kgotleng eo.
A re mapodisi a ne a ragogela kwa lefelong la tiragalo mme ba feta ba tsaya rre yoo ba mo ragosetsa kwa kokelwaneng ya Sabata mo Moshupa kwa ngaka e fetileng ya tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.
Rre Sebotho otlhalositse gore ba itemogetse fa dikotsi tsa tsela ya A10 di ile magoletsa, ka jalo o kopile ba-tsamaya ka dinao ga mmogo le bakgweetsi go nna kelotlhoko fa ba e dirisa.
Rre Sebotho a re tsela eo e dirisiwa ke bakgweetsi ba ba farologanyeng mme a re o itemogetse gore bangwe ba feta ka lebelo le le kwa godimo le ntswa tsela e ralala motse, selo se se felelang se baka dikotsi.
Rre Sebotho o kopile bakgweetsi go nna podi matseba ka dinako tsotlhe fa ba dirisa tsela.
A re seo se ka boloka matshelo a bone le a Batswana ka kakaretso.
O boletse fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse mme maina a moswi a santse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsesiwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mphoentle Gopadile
Location : MOSHUPA
Event : Ptlisang Mapodisi
Date : 20 Jun 2018



