Ba ga-e-golelwe ba lebogela dikitso le maele
20 Jun 2018
Baithuti ba thuto-ga-e-golelwe kwa Mulambakwena ba lebogetse lephata la thuto go bo le ba ogotse mo isong ka dikitso le dithuto tse ba di anywang.
Baithuti ba tlhalositse fa ga-e-golelwe e se go ithuta go bala le go kwala fela mme e le tsela nngwe ya go anywa maele a botshelo le dikitso tsa sennela ruri tse ba tlaa di dirisang go itlhabolola le go rudisa itsholelo.
Mongwe wa baithuti bao, Mme Chandapiwa Rapson yo o dingwaga tse di masome matlhano le boraro o supile fa a na le lesedi ka dilo di le mokawana.
A re o kgona go bala tiro ya bana ba gagwe ya sekole ka tshosologo ntle le dikgoreletsi dipe.
E re ka baithuti ba ba rutwa le ditiro tsa diatla, Mme Rapson o tlhalositse fa ene a ithutile go dira mekgabisa ka dipampiri, dibaga le go loga, a supa gape fa a itse le gone go kwala leina la gagwe.
O rotloeditse Batswana go anywa thuto-ga-e-golelwe moro, go tlhabolola matshelo a bone ga mmogo le go ipetlela isago.
Mme Tafa Mudongo le ene o ne a tlhalosa fa a ne a sa itse lefoko lepe la Setswana, ka jalo se, se ne se mo ketefalela go dira le go tsaya karolo mo ditirong le mediro ya mo gae.
A re morago ga go inaakanya le sekole se, o kgona go ipobola le go thusa fale le fale a sa tshabe gore batho ba tlaa mo ja setshego kana ba tshabe go dirisanya le ene segolo jang ba ba sa itseng Sekalaka.
Go ya ka Rre Moses Kethoilwe, yo o simolotseng dithuto ka 2013, ga go sepe se se mo kgoreletsang ka a itse go bala le go kwala ga mmogo le gone go betla, mo a itshetsang ka gone.
Ntle le go betla, Rre Kethoilwe o ithutile go dira mekgabisa ka dipampiri.
A re o tlaa tswelela a ipela ka thuto-ga-e-golelwe ka a le se a leng sone ka yone.
O tlhalositse fa a ikaelela go tsweledisa dithuto tsa gagwe go fitlhelela ka lokwalo lwa bosupa.
Baithuti ba, ba re e re ka ba ne ba tsena dikole ka nako ya Bechuanaland, ba ne ba sa anywe go le gontsi jaaka mo nakong eno.
Ba supa fa ba ne ba rutwa go bala le go kwala, selo se se neng sa nyelela fa ba ntse ba gola.
Ba ne ba tlhalosa fa ka thuto ga-e-golelwe ba kgona go isiwa kwa dikoleng tsa ditiro tsa diatla di tshwana le sa Impala, Madirelo le tse dingwe go tlhabolola dikitso tsa bone.
Ba supa fa sebaka se ba se fiwang kwa dikoleng tseo se le se khutshwane go ka ithuta mo go tseneletseng.
Baithuti ba ba rutwa go loga diaparo le ditlatlana, go betla, go apaya, go dira mekgabisa ka go farologana ba dirisa dipampiri, go roka, go bopa dinkgo le tse dingwe.
Morutabana wa sekole seo, Mme Oteng Waniwa o ne a supa fa gantsi tiro ya diatla e le motlhofo go dirwa e bile e le bogadi bogaufi, ka jalo a gwetlha batsadi go e ikatumetsa, go inaakanya le ga-e-golelwe go phatsimisa matshelo a bone.
O supile fa bontsi bo santse bo saletse kwa morago ka tsa go bala le go kwala, bangwe ba retelelwa ke go thusa bana ka tiro ya sekole, ka jalo a kopa batsadi gore ba seka ba tlhajwa ke ditlhong go ikwadisetsa go tsenelela dithuto tsa go bala le go kwala. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : MULAMBAKWENA
Event : Thuto ga e golelwe
Date : 20 Jun 2018



