Breaking News

Red Cross e akgolelwa thuso

20 Jun 2018

 Mokgatlho wa Red Cross o akgoletswe thuso ya potlako ka nako ya dibetso tsa tlholego kwa Zoroga. 

Modulasetilo wa komiti ya motse ya Red Cross kwa Zoroga, Rre Kesetselemang Thanke o supile fa lekalana le, le tswa kgakala le ba thusa fa ba wetswe ke seru, a supa gore bosheng ba amogetse dithuso tsa didirisiwa tsa mo lwapeng e bong dikobo, materase, melora, diemere, dikupu, diharaka, digarawe. 

O tlhalositse fa banni ba le lekgolo ba amogetse dilwana tseo. 

A re mo nakong ya gompieno ba Red Cross ba agela malwapa a a senang boroko matlo a nakwana mme ba setse ba kgonne go agela malwapa a le lesome le botlhano. 

A re ba thusa banni ka potlako gore ba kgone go nna fa go sireletsegileng go santse go batlwa tharabololo ya sennela ruri. 

O kopa Batswana le dikhamphane ka go farologana go thusa ba ba wetsweng ke seru ka puso e le nosi e se kake ya kgona. 

A re letlhoko le letona ke la boroko ka matlo a ole mme go sena kwa ba ka bonang madi teng gore ba age. 

Mongwe wa banni Mme Temogo Agha a re o itumetse thata go bo a abetswe dilwana tse a ka tsweledisang botshelo ka tsone morago ga gore a latlhegelwe ke tse dingwe ka nako  ya dibetso tsa tlholego. 

O supile fa lemme le sa bolae go bolaya lefifi le gore ngwaga ono a sa bona thobo ntateng ya seru se se ba wetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Joseph Tlholego

Location : ZOROGA

Event : Dithuso tsa Red Cross

Date : 20 Jun 2018