Wildlife at My Home e ruta tshomarelo tikologo
19 Jun 2018
Monna mongwe wa Mojeremane, Rre Matto Barfuss o gatisitse buka e maikaelelo a yone e leng go ruta bana ka tshomarela tikologo go tswa kwa moding.
Bukana eo e simolotse go phatlaladiwa ka 2016 lefatshe ka bophara, bogolo jang mo dikoleng tse dipotlana.
Mo potsolotsong, Rre Seoganetseng Boeng, yo e leng ene a rweleng boikarabelo jwa go patlalatsa bukana ya Wildlife at My Home mo Botswana, o tlhalositse fa e dirilwe mo
Botswana ka nako ya fa mokwadi yo e leng mokapi wa ditshwantsho tsa motshikhinyego, a ne a nna mono.
Rre Boeng a re mokwadi o ne a nna le kgatlhego e tona ka go lemoga fa lefatshe leno le phophoma ka diphologolo, mme a gatisa bukana eo e e rotloetsang pabalesego ya mantlenyane a tikologo.
A re bukana eo, ya ditsebe tse di masome a supa le borataro, ga e a itebaganya fela le bana, mme le bagolo ba ka ithuta sengwe mo go yone.
E na le diphologolo tse di fitlhelwang mo Botswana le dikitso tsotlhe mabapi le diphologolo, ka e tlhalosa gore diphologolo di ja eng, mefuta le mosola wa tsone.
Rre Boeng a re go botlhokwa go ruta bana ba sa le babotlana ka e le bone bogogi jwa ka moso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oratile Mothibedi
Location : MAUN
Event : potsolotso
Date : 19 Jun 2018



