Borre ba kgothadiwa go ipatlisisa
19 Jun 2018
Moitseanape wa tsa bong yo o tlwaelesegileng ka go kgothasa mo seromamoweng, Mme Botho Ntswaneng a re go botlhokwa gore borre ba itsee motlhala mme ba itse boleng jwa bone mo lefatsheng.
O buile jalo jaaka ba kereke ya Roma ya Divine Mercy kwa Metsimotlhabe ba ne ba ipelela letsatsi la borre ka Tshipi.
Mme Ntswaneng o kaile fa kwa tshimologong Modimo o tlhodile rre pele jaaka moetedipele mme ka jalo a re ke nako ya gore borre ba tsee maemo a bone ba eme ka dinao.
A re seo se tlaa ba thusa go boelwa ke seriti sa bone jaaka ba tlhodilwe e le baetedipele mo lefatsheng jaaka go nna borre kwa malwapeng le bogogi kwa dikerekeng le kwa tirong.
O gateletse gore motho o filwe botlhale le dikitso tsotlhe tse a tshwanetseng go di dirisa go ka goga lelwapa la gagwe, a kaya fa ba tshwanetse ba neela basadi ba bone gammogo le bana lorato la motia.
“Fa o sa dire ditiro tsa gago sentle, o sa tsepama mo go tsone mme e bile o tsietsega, o itse fela gore o na le mathata,” Mme Ntswaneng a tlhalosa.
O ne a rotloetsa borre ba kereke eo go batla le go itse Modimo mme ba ineele mo go ene.
A re go botlhokwa gore ba dirise Baebele thata ka e le yone e nang le dikarabo tsotlhe mme e bile e ka ba atumetsa gaufi le Modimo.
O bile a re e le bomme ba tsaya kgothatso yotlhe mo go borre, ka jalo go tshwanela gore borre ba nne ba tiile moko ka dinako tsotlhe.
O kaile fa nako e tsile ya gore borre ba tsee maikarabelo mo baneng ba bone, a kaya fa kgang ya go itatola bana e e dirwang ke borre e tshwenya, a supa fa go le botlhokwa gore rre a nne a le teng mo kgodisong ya ngwana le go mo neela lorato.
Fa a tswa la gagwe, moporisita wa Divine Mercy Captain Reverend Father Seiso Seiso o ne a tlhalosa fa letsatsi la borre e le go lebogela lorato, kagiso le mowa o montle wa Modimo mo go bone.
O bile a supa fa kereke e le lefelo le le boitshepo le le amogelang mefuta ya batho, mme Morena Jeso Keretse o ba rata botlhe.
Fa godimo ga moo o kaile fa letsatsi la borre e le go leka go supegetsa borre botlhokwa jwa go nna motsadi, a kaya fa bontsi jwa borre ba ikgatholosa seo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : METSIMOTLHABE
Event : ipelelo letsatsi la borre
Date : 19 Jun 2018



