Breaking News

Monana o gatetse pele ka kgwebo ya dijo

19 Jun 2018

Mongwe wa banana ba ba thusitsweng ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF) kwa Moshupa o gatetse pele ka kgwebo ya dijo.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Agnes Kgotlaetsile a re o filwe madi ka 2014 go simolola kgwebo ya Kurus Investment.

A re ka P100 000 yoo, o ne a reka kharabene e e apeelang,  didirisiwa tsa kapei ga mmogo le koloi e e gogang kharabene.

Mme Kgotlaetsile a re o tswa kgakala le kapei ka a kile a bereka mo madirelong a dijo ka go farologana, mme morago a simolola kgwebo ya kapei kwa maemelong a dipalamo kwa Thamaga.

A re go simolola kgwebo eo go ne go se motlhofo, mme ka a ne a na le maitlamo, a seka a ipona tsapa, a tlhalosa fa a ne a rekisa ka keribane.

Mme Kgotlaetsile a re morago ga go fiwa lenaneo, o ne a tia moko go bo e le ene mong le moeteledipele wa kgwebo eo.

O tlhalositse gore se se mo file sebaka sa go ithuta go tlamela kgwebo, ga mmogo le go e tsamaisa ka fa tshwanelong.

Mme Kgotlaetsile a re kgwebo e tsweletse sentle ka a setse a kgonne go ithekela setsha le go reka khombi e a e hirisang mo meletlong e tshwana le manyalo ka madi a dipoelo.  

O lebogetse thotloetso ya ba lephata la botsogo le boitekanelo ka e le bone ba ba hirisang koloi eo thata.

Gape o lebogetse thotloetso e a e fiwang ke ba ofisi ya ga molaodi, a re ba mo fa dikgakololo ga mmogo le go lekola kgwebo ya gagwe gangwe le gape.

Mme Kgotlaetsile a re o ipapatsa ka ditsela tse di farologaneng.

A re kapei ke kgwebo e e mo kopanyang le batho ka go farologana, ka jalo e mo fa sebaka sa go itsalanya le batho.

A re le fa go ntse jalo, kgwetlho e a kopanang le yone ke ditlhwatlha tsa  merogo ka di na le go ya kwa tlase le kwa godimo.

A re seo se dira gore kgwebo e seka ya bona dipoelo sentle ka e ikaegile thata ka merogo le maungo.

A re kgwetlho e nngwe ke phadisanyo ka gore bagwebi ba mofuta o ba bantsi.

Mme Kgotlaetsile a re maikaelelo a gagwe ke go tswelela a duela sekoloto go ya ka ditumalano tsa gagwe le ofisi ya banana, a tlhalosa fa a setse a duetse P25 000. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : MOSHUPA

Event : potsolotso

Date : 19 Jun 2018