Breaking News

Motlobo wa dibuka o fetola matshelo a batho

19 Jun 2018

Motlobo wa dibuka kwa Lentsweletau o tsweletse ka go tsisa pharologanyo mo matshelong a banana ba koo gammogo le metse e e mabapi.

Moithaopi kwa motlobong oo, Mme Charity Dikoko a re motlobo o, o ka fa tlase ga boeteledipele jwa komiti ya ditlhabololo tsa motse, mme o na le dingwaga di feta masome a mararo o ntse o tsweletse sentle.

A re ntswa motlobo o o na le dingwaga o ntse o le teng, o ne o sena ditlamelo ka bontsi.

O ne o na le dibuka fela gape o sa dirisiwe thata.

“E ne ya re bosheng wa tokafadiwa go nna le ditlamelo tsa maranyane le metshameko fela jaaka metlobo e mengwe,” Mme Dikoko a tlhalosetsa BOPA mo potsolotsong.

A re motlobo o dirisiwa ke banana ba motse oo ga mmogo le metse e e mabapi jaaka Medie, Dikgatlhong, Kgope le Kweneng.

O tlhalositse fa motlobo o, o na le dikamore di le tharo ebong ya dibuka le dikhomputara, ya metshameko le dithuto tsa bana ba dikole tse di kwa tlase ga mmogo le kamore e e beelang dilwana.

“Motlobo o, o mosola fela thata ka banana ba sa tlhole ba latela ditlamelo tsa maranyane kwa toropong jaaka pele, mme ba kgona go ikopela ditiro motlhofo le ka bofefo mo maranyane a,” a tlhalosa.

A re seo, ke sesupo sa gore motse o a gola ebile o tlhabologile go tshwantshanngwa le nako e e fetileng.

Mme Dikoko a re motlobo o, o ntshitse banana mo mekgwatheng ka ba dirisa maranyane go batla ditiro, dipatlisiso le go bapatsa dikgwebo tsa bone.

A re mosola o mongwe wa motlobo ke gore banana ba nna le sebaka sa go ithuta go dirisa dikhomputara, a supa fa a lemogile fa go ne go na le ba le mmalwa ba ba neng ba sa itse go di dirisa.

Mme Dikoko a re banana ba nnile le sebaka sa go ithuta go tshameka metshameko ka go farologana e tshwana le Chess e go lebegang ba e rata thata.

A re bana ba dikole tse di kwa tlase le bone ba nnile le sebaka sa go ithuta metshameko ya setso e tshwana le morabaraba, diketo le e mengwe.

Le fa go ntse jalo a re motlobo o, o lebaganwe ke dikgwetlho di le mmalwa jaaka tlhaelo ya bodiredi.  

A re mo nakong ya gompieno ke ene modiri a le nosi fela, mo go dirang tiro thata ka bangwe ba felela ba mo emela lebaka le le leele fa batho ba le bantsi gore a ba thuse.

 

Mme Koko a re gape go na le tlhaelo e  ntsi ya didirisiwa  di tshwana le dibalamakgolo, dibuka le tse dingwe.

A re mo nakong ya gompieno go na le dikhoputara di le tharo fela ntswa banana ba  ba di dirisang ba le bantsi.

Mme Dikoko a re komiti ya ditlhabololo tsa motse e tsweletse ka go batlela motlobo oo lefelo la sennelaruri.

A re mo nakong ya gompieno o direla kwa diofising tsa VDC mme lefelo leo le lennye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : LENTSWELETAU

Event : potsolotso

Date : 19 Jun 2018