SOS e tlaa ipela le morafe wa Tonota
19 Jun 2018
Ba legae la bana la SOS kwa Francistown ba sweditse go ya go keteka le go ipelela dingwaga tse di masome mabedi le ntse le le teng le banni ba Tonota kgwedi eno e le masome mabedi le boferabongwe kwa kgotleng kgolo.
Fa a buisa banni ba Tonota bosheng, motlhokomedi wa bana, Rre Thabologo Motsamai o tlhalositse fa tiro ya bone e tona e le tlhokomelo ya bana ba ba akaretsang dikhutsana, ba ba kgokgontshitsweng, ba ba latlhilweng le ba ba ikgatholositsweng ke batsadi.
A re ba tshwanetse go ipelela dingwaga tse ba di tsamaileng le ntswa go ne go se bonolo, mme ba kgonne maikalelo a bone ka kemonokeng ya morafe wa Tonota.
Rre Motsamai o boletse fa ba kgonne go lemoga seabe sa batho ba Tonota, a kaya fa e le bone ba tlang kwa legaeng la bana ka bontsi go ba lekola.
O supile fa dikereke le dikhwaere tsa Tonota di ba eme nokeng ka dithuso tsa madi le melora fa balemi bone ba kgaogana thobo le legae la bone.
A re se se kaya mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko.
A re ba na le letlhoko la madi ka ba bona sedikadike go tswa mo pusong ka ngwaga nako e puso e kgonneng, mme madi a, a sa lekane go tsamaisa magae a SOS, ke ka moo ba tshwanetseng go lemoga le go ipelafatsa ka batho ba tshwana le ba Tonota.
Rre Motsamai o tlhalosa gore legae la bana la Francistown le tlhokomela bana ba ka tshwara 2 000 ba akaretsa le ba ba tlhokomelelwang kwa malwapeng a bone a tlholego.
A re ba na le malapa a selegae a a nang le mme le mmangwane a le 16, la bo 17 e le la nakwana, se e le mokgwa wa go isa bana kwa gae, go ba tsenya mo bathong go ba ruta matshelo a kwa gae, gore ba ithute ditiro tsa ngwao di tshwana le go lema le go disa.
A re bangwe ba bana ba bone e setse e le borre le bomme ba ba berekang fa bangwe ba bone ba setse ba le mo manyalong.
Fa a rola malebo mo boemong jwa Bakhurutshe, Mme Kgomotso Mothibi o akgotse ba legae la bana ka ba dira tiro e kgolo.
A re ga ba a tshwanela go iphitlhela ba le mo legoeleleng, ka jalo ba tlaa tswelela ba ba fa dithuso le go ba rotloetsa.
Mme Mothibi a re ba itse diemo tse ba SOS ba di ralalang letsatsi le letsatsi, ka e le batsadi e bile ba na le maitemogelo a kgodiso ya ngwana.
Kgosi Bokamoso Radipitse wa Tonota o amogetse ba SOS go tla go ipelela mo kgotleng ya gagwe.
A re ba lesego go tlhophiwa fa gare ga metse e e kanakana.
O kopile morafe go thusa ka diatla le sengwe le sengwe se ba se kgonang.
O tlhalositse fa se ba se dirang se tlaa gakologelwa kwa legodimong, ka lefoko la Modimo le re go sego letsogo le le abang, go na le le le amogelang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Priscilla Kgang
Location : TONOTA
Event : Puisano
Date : 19 Jun 2018



