Baithuti ba rotloediwa go aba
18 Jun 2018
Baithuti ba mophato wa boraro ba sekole se segolwane sa Mowana kwa Mahalapye ba supile mowa wa bopelotlhomogi ka go abela ba mokgatho wa Mothers Union le kokelo ya Mahalapye merogo bosheng.
E rile a bua mo boemong jwa sekole, Morutabana Keatsala Kenosi a re sekole ke karolo ya setshaba, ka jalo go tsenya letsogo mo go thuseng ba ba tlhokang thuso, go fa lorato le go rotloetsa mowa wa go abelana.
Mme Kenosi a re ba itlhophetse go leba ba ba tlhaelang jaaka batlhoki le balwetse.
Mogokgo Kenneth Maungwa a re o solofela fa mpho eo e tla dira phetogo mo matshelong a bana ba ba tlamelwang ke Mothers Union le go sidila balwetse ba ba mo ditlhabing.
Lekalana la temo-thuo la Mowana le supile gore baithuti ba fiwa dithuto tsa temo-thuo ba sa le babotlana gore ba kgone go di dirisa morago go tokafatsa matshelo a bone.
Morutabana wa temo-thuo Rre Nsani Senome a re sekole se na le seabe se se bonalang mo go ruteng bana mowa wa boipelego kana go itirela ka diatla.
Rre Senome o rotloeditse baithuti go dira ditshingwana tsa merogo kwa malwapeng ka gore ba setse ba amule maele a temo-thuo.
O kaya gore lefatshe leno le reka dijo kwa ntle ntswa le na le metsi le lefatshe go ka lem a dijo.
Fa a amogela mpho e, mogolwane wa Mother’s Union Mme Masego Mokalake o lebogetse sekole go nna ba gopola ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
Mme Mokalake a re mpho e tsile ka nako e maleba ka gore ba faraferwe ke dikgwetlho.
Are lengwe la mananeo a ba itebagantseng le one ke go fepa bana.
O supile gore bangwe ba bana ba ba tlamelwang ke Mothers Union ba tswa mo malwapeng a itsholelo e e kwa tlase, ka jalo go botlhokwa gore mokgatlho o ba fepe ka dijo ka nako tsotlhe.
O akgotse thata tiro e e molemo e e dirilweng ke baithuti, ka jalo a ba rotloetsa go tshwara ka thata gore ba thuse batsadi kwa malwapeng.
O rotloeditse sekole go tswelela ka ditiro tsa bopelotlhomogi le go nosetsa mowa wa neelano le lorato mo baithuting.
Moemedi wa baithuti, Tsamodimo Mmutle a re ba bonye go le botlhokwa go itima thobo mme ba itebaganya le go abela ba ba tlhokang thuso jaaka Mother’s Union le balwetse.
Rre Mmutle o kaile gore merogo ke dijo tse di tlhokwang ke mmele mo botsogong.
A re tsholofelo ke gore mpho ya bone e tlaa dira pharologanyo mo matshelong le mo botsogong jwa ba ba abetsweng.
Kgosi James Ramaijane wa kgotla ya Mowana o lebogetse maiteko a baithuti ba sekole sa Mowana a re go nna le mowa wa go abelana ke sesupo sa gore lefatshe le tlaa nna le tshaba e e nang le boikarabelo mo isagong.
Jaaka moeteledipele, Kgosi Ramaijane a re baithuti ba supile gore isago ya bone le setshaba ka kakaretso e babalesegile.
O ne a ba rotloetsa go dira ka natla mo dithutong le go tlotla batsadi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : MAHALAPYE
Event :
Date : 18 Jun 2018



