Dikomiti tsa ditlhabololo di kgothadiwa go itsolopanya
18 Jun 2018
Mokwaledi wa khansele- potlana ya Maun, Mme Mogomotsi Seemule o kopile dikomiti tsa ditlhabololo go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng.
Fa a bua kwa thuto-puisanyong ya dikomiti tseo kwa Maun bosheng, Mme Seemule o supile fa go tlwaelesegile gore dikomiti tsa ditlhabololo ke tse di buang ka matlo a a hirisiwang le tlhabololo ya ditsela fela.
Mme Seemule a re nako e gorogile jaanong ya gore maloko a dikomiti tseo ba gagamatse ditomo ka seo se ka lemotsha setshaba gore ba rwele boikarabelo jwa go laola sengwe le sengwe mo metseng.
“Ditlhabololo di simolola kwa moding, ka jalo le tshwanetse la ala mealo le go itirela ditogamaano tsa ditlhabololo go simolola gone kwa dikomiting tsa lona,” ga bua mme Seemule.
A re go akaretsa setshaba mo go tsotlhe tse ba di dirang go botlhokwa ka go ka dira gore setshaba se ba eme nokeng ka ba tlaa bo ba tlhaloganya kwa go iwang teng.
A re maloko a dikomiti tsa ditlhabololo a tshwanetse a nna matlho a puso kwa metseng, gore ba tsamae ba lekola ba ba akotseng mananeo a puso le go ba gakolola gore puso e kgone maitlamo a yone a go nyeletsa lehuma.
A re go lekola ba ba tsereng mananeo a puso go ka tiisa batho ba go nna jalo moko gape go ka rotloetsa mowa wa go bereka mmogo.
“Le tshwanetse la tlhaloganya tikologo ya lona, gore e le tshwaretse eng, gore e ka dirisiwa jang, seo se ka le thusa go tswa ka megopolo ya gore le ya go e tlhabolola jang,” ga bua mokwaledi.
Mongwe wa ba ba neng ba tseneletse thuto-puisanyo eo, Mme Akolang Mogogi go tswa kwa Boseja mo Maun o ne a akgola dithuto tseo, a supa fa di ba butse matlho.
Mme Mogogi o supile fa ba ne ba sa itse mangwe a maikarabelo a bone.
O solofetsa fa ba tlaa fetola ka fa ba dirang dilo ka teng.
“Nna ke le mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo kwa kgotleng ya Boseja ke ithutile gore ke tswanetse ka nna le motshwaramadi ka nako tsotlhe gore ke kwale sengwe le sengwe se se diragalang, ka gore go baya sengwe le sengwe mo mokwalong go ka re direla tiro motlhofo.”
A re o ikaelela go ya go diragatsa tse ba di rutilweng jaaka go tsamaya a lekola mananeo a puso mo motseng.
“Re ntse re sa tsamae le mananeo a puso, mme ke solofela gore morago ga dithuto tse re ya go nna matlho a puso jaaka re kopilwe,” a tlhalosa.
A re ba ba filweng lenaneo la ditshingwana tsa merogo ba nna ba ngongorega ka metsi.
A re e ya go nna maikarabelo a bone go ba gakolola gore ba tswe ka methale e mengwe fa metsi a kgadile jaaka go gelela metsi kwa nokeng ka gore ba fiwa ditanka tsa dijojo.
O ne a kopa banana go nna le seabe mo dikomiting tsa ditlhabololo tsa metse.
A re ba ka tla ka megopolo e e botoka ka gore ba santse ba le bannye.
A re banana ba tshwanetse ba lemotsha setshaba gore ba setse ba na le bokgoni le gone gore dikomiti tsa ditlhabololo ga se tsa bagolo fela.
Maikaelelo a thuto-puisano eo, e e tsereng malatsi a le mabedi, e ne e le go amogana le ba dikomiti tsa ditlhabololo ka boikarabelo jwa bone le go ba fa maele le methale e ba ka e dirisang go gatela pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : MAUN
Event : thuto-puisanyo
Date : 18 Jun 2018



