Begang tshenyetso setshaba
18 Jun 2018
Tshenyetso setshaba e borai ka jaana e koafatsa itsholelo ya lefatshe.
Ka jalo e tshwanetse go nna boikarabelo jwa mongwe le mongwe go bona gore e a fela.
Mafoko a, a builwe ke dibui ka go farologana kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke maloko a komiti ya tshenyetso setshaba ya khansele ya Bokone Botlhaba, kwa Masunga bosheng.
Maikaelelo a moletlo o, e ne e le go supa semmuso komiti eo.
Le fa go ntse jalo, dibui di gwetlhile mongwe le mongwe le fa a se leloko la komiti go ila tshenyetso setshaba lebaibai le go e lwantsha ka gotlhe mo go ka kgonegang.
Ba re go botlhokwa gore batho ba nne ba bega kgotsa ba tsibosa ba ba maleba ka dikgang dipe fela tse di amanang le tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, go leka go dibela itsholelo ya lefatshe.
Ba re fa go sa tsewe kgato ka tshenyetso setshaba, bokamoso jwa dikokomane bo tlaa bo bo sweletse ka di tlaa fitlhela lefatshe le le le mo legoeleleng.
Mogolwane go tswa kwa lekalaneng la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo (DCEC), Rre Shadreck Kgomo a re go lebega go le gantsi mokgweleo wa ntwa kgatlhanong le tshenyetso setshaba o tlogelelwa DCEC, le ntswa o tshwanetse go tshwaraganelwa ke Motswana mongwe le mongwe.
Rre Kgomo a re go a tshwenya ka jaana go supagala fa ba-na-le seabe mo ntweng eo ba sa dire mo go lekaneng go leka go kganela tshenyetso setshaba.
A re tshenyetso setshaba ga e a tshwanela go itlhokomolosiwa ka jaana e na le seabe se segolo tebang le go phutlhamisa itsholelo.
O ne a kopa baeteledipele ba maphata go nna ba tsaya kgato fa go tlhokafalang teng, go tlhomamisa gore ga go nne le phatlha epe ya tshenyetso setshaba mo maphateng a bone.
Rre Kgomo o ne a tlhalosa fa bone e le ba DCEC ba ikemiseditse go ema nokeng komiti epe fela e e leng teng ya tshenyetso setshaba.
Ka jalo a akgola kgaolo ya Bokone Botlhaba go bo e gatetse pele mo dikgannyeng tsa go lwantsha tshenyetso setshaba.
Fa a tswa la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele, Mme Goabaone Molefe o ne a kopa batho go latlha tshenyetso setshaba, a supa fa le mo bukeng e e boitshepo, go supagala fa Modimo a sa rate tshokamo.
A re tshenyetso setshaba e ka diragala gongwe le gongwe, mme go mo maruding a batho go tlhomamisa gore ba nna ba itisitse gore ba seka ba amega ka gope mo go yone. Mme Molefe a re go dira jalo ba tlaa bo ba netefatsa fa ba dibela lefatshe la bone.
A re e re ka jaana pina ya setshaba e supa fa lefatshe leno e le mpho ya Modimo, Batswana ba tshwanetse ba tlogela mokgwa wa gore e re ba bona sengwe se se fatlhang se diragala ba bo ba re ‘ga di nkame’.
Mothusa molaodi wa Bokone Botlhaba, Rre Gotewamang Senwedi o ne a gatelela botlhokwa jwa gore maphata a nne a tsaya malebela mo go a mangwe tebang le dikgang tsa go tlhabantsha tshenyetso setshaba, ka maikaelelo a go netefatsa gore itsholelo ya lefatshe e a sirelediwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : moletlo
Date : 18 Jun 2018



