Breaking News

Monana o itshetsa ka tshipi

18 Jun 2018

- E re jaaka letlhoko la ditiro le ile magoletsa, e bile lehuma le tsweletse ka go ama banana ka bontsi, bangwe bone ba bone kgoro ya botso ka go tsaya mananeo a puso go itshetsa le go itlhamela mebereko.

Mongwe wa banana ba ba gatetseng pele ka mananeo a puso ke Rre Joseph Dipate wa dingwaga tse di masome mararo le bone.

Rre yo o itshetsa ka go nosetsa tshipi kwa  Pop Xwalas Investment.

Rre Dipate a re kgwebo ya gagwe  e kwa madirelong a Ga-Matsila kwa Thamaga. 

A re o filwe P99 000 ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF)  ka 2017.

O tlhalosa gore ka madi ao, o ne a kgona go reka didirisiwa tsotlhe tsa kgwebo e, e e dirang mekoro ya dijo tsa leruo, dimausu, dipitsa, meriti ya dikoloi, dikaraki tsa ditonki le tse di dingwe tsa go nosetsa tshipi.

Rre Dipate a re morago ga go dira dithuto tsa go nosetsa tshipi tsa National Craft Certificate kwa Serowe Brigade,  o ne a bereka mo dikomponing di le mmalwa kwa a neng  a anya botsipa jwa tiro eo teng.

A re e rile  morago, a lemoga fa e le nako ya go  ikemela la nosi, mme a ipulela  kgwebo gore a kgone go bona dipoelo tse di botoka.

Rre Dipate a re tiro ya gagwe e batla bopelotelele le kelotlhoko, ka jalo o e dira ka lorato gore a kgotsofatse bareki ka dinako tsotlhe.

A re kgwebo e tsweletse sentle ka a kgona go ituelela lefelo, go duela mmereki yo o esi ga mmogo le go duela metsi le motlakase.

Le fa gontse jalo, a re o lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le go kgaoga ga motlakase mo go ileng magoletsa kwa madirelong, a bolela fa seemo seo se mmeile ka fa mosing ka gore fa go sena motlakase, tiro e a ema mme a seke a dire dipoelo.

A re kgwetlho e nngwe ke go tura ga phiriso, a tlatsa ka go re, le fa a sa nna le dipoelo tsa sepe mo kgweding, o tlamega go duela mme nako tse dingwe a seke a salelwe ke sepe mo letloleng.

Rre Dipate a re  bareki le bone ba dingalo le go duela,  ka  ba tsaya dilwana ka sekoloto, mme morago  ba tsene ka lenga la seloko.

A re le mororo a  ralala dikgwetlho, o mo lenaneong la go reka setsha sa kgwebo gore a tile madi a phiriso.

Rre Dipate a re o ikaelela go simolola go ipapatsa mo go tiileng,  ka a lemogile gore batho ka bontsi ga ba itse ka madirelo a gagwe.

 O supile fa go ipapatsa go le mosola ka go fa kgwebo sebaka sa go itsewe ke bareki.

Rre Dipate a re maikaelelo a gagwe ke go wetsa go duela madi a sekoloto gore a tle a kgone go atolosa kgwebo ya gagwe a sa patikwe ke sepe.

A re khansele le yone e tshwanetse ya rotloetsa dikomponi tsa banana ka go fa dikgwebo tsa YDF bontlha bongwe jwa ditiro fa dile teng. ENDS

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : THAMAGA

Event : POTSOLOTSO

Date : 18 Jun 2018