Breaking News

Sekole sa Supang se ipelela ngwao le teme ya Setswana

18 Jun 2018

Mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe o supile fa go le botlhokwa gore dikole tsotlhe di nne le letsatsi la go ipelela ngwao.

Rre Lelatisitswe o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela ngwao ke sekole se sebotlana sa Supang kwa Letlhakane bosheng. 

Rre Lelatisitswe a re se se ka dira gore bana ba itse ngwao ya bone ba sale bannye.

Ka jalo o ne a rotloetsa dikole tse dingwe gore di tsee malebela mo go sa Supang.

A re bana ba tshwanetse ba rutwa ngwao ya bone mo go tseneletseng ka gore ba setse ba ithuta dilo tse di farologaneng di siame kgotsa di sa siama mo maranyaneng a segompieno.

O tlhalositse fa kgaolo ya Boteti e na le merafe e le mentsi e e akaretsang Bakhurutshi, Bakalaka, Baherero, Bayeyi, Basarwa, a supa fa dingwao tsa merafe di nyelela, ka bana ba ba tswang kwa tlase ba sa di itse.

Mongwe wa dibui, ngaka ya kokelo e e ikemetseng ya Rapha Medical Centre, Dr Remotsaletswe Boithamako o ne a akgolela go menagane barutabana ba sekole seo, maiteko a bone a go simolodisa letsatsi la go ipelela ngwao.

Dr Boithamako a re moletlo oo, o botlhokwa ka jaana o ruta le go lemotsha bana ngwao ya bone ba sa le bannye.

O tlhalositse fa moletlo o le maleba ka jaana o tlaa dira gore bana ba lemoge gammogo le go tlotla ngwao, a tlatsa ka go re se gape ke tsela ya go somarela ngwao.

O ne a tlhalosa fa go na le dithuto tsa ngwao mo dikoleng, ka jalo a supa gore moletlo o o ka thusa gore bana ba di tlhaloganye botoka ba bona ngwao e dirwa. 

Dr Boithamako a re fa motho a etetse kwa mafatsheng a mangwe, o tshwanetse a lemogwa gape le ka ngwao ya gagwe, a tlhalosa gore bajanala fa ba le mono ba reka didirisiwa tsa ngwao ya Setswana. 

O ne a rotloetsa bana ba sekole go ikgantsha ka ngwao, metshameko, mmino le dijo tsa ngwao, ka e bile dijo di na le seabe se segolo mo botsogong.

A re bana ba tshwanetse go ithuta gore go dirwa eng mo kgotleng, tsamaiso le melao ya yone. 

E rile a tlhalosa ka maikaelelo a tiro e, mogokgo wa Supang, Mme Mercy Bayani a re ke go supegetsa bana botlhokwa jwa ngwao .

Mme Bayani a re dithuto tsa ngwao di tshwana le tsa Culture le Social Studies di rutwa bana, mme fa gongwe ga go na sesupo se se kayang gore bana ba kgone go tlhaloganya.

A re maikaelelo a moletlo ke go ruta bana le go gakolola bagolo ka botlhokwa jwa ngwao le tshomarelo ya yone.

Mme Bayani o boletse fa ba ikaelela go tshwara moletlo o ngwaga le ngwaga e le tsela ya go boloka le go lemotsha bana mekgwa yotlhe ya ngwao ya merafe ka go farologana.

Kwa moletlong oo, go ne ga supiwa metshameko, mmino le maboko, dikgafela gammogo le motshameko wa lenyalo wa letso sa Sekhurutshi. BOPA

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : moletlo wa ngwao

Date : 18 Jun 2018