Tlhabololang thuo ya kgomo - Sebina
18 Jun 2018
Ngaka ya matlhoko a leruo mo kgaolong ya Legare, Dr Jaone Sebina a re kgomo ga e sa tlhole e tshwarwa jaaka bogologolo ka jaanong e ka thusa morui go nna le dipoelo tse dintsi.
Dr Sebina o buile jaana fa a ne a buisa phuthego ya barui kwa kgotleng ya Serowe bosheng.
O ne a tlhalosa fa gape go na le diphetogo tse di diragetseng mo thuong ya dikgomo.
O tlhalositse fa lekgotla la European Union (EU) le na le ditsamaiso tse le di batlang gore di salwe morago gorele tswelele le reka nama ya Botswana.
Dr Sebina a re ba tswa kgakala ba rotloetsa barui go nna le mekwalo ya tsotlhe tse ba di dirang mo morakeng kana mo polaseng, ka seo se ka thusa go lemotsha morui gore a o dira dipoelo kana ditatlhegelo.
Dr Sebina a re EU e dumela gore mafelo a dikgomo di nnang mo go one a bo a kwadisitswe, ka jalo morui o tshwanetse go tsenya dikgomo tsa gagwe manyena, le gone go kwadisa kwa a ruetseng teng pele ga di ya matlhabelong.
O ne a gakolola barui gore ba ithekele dibuka go kwadisa dikgomo tsa bone le go kwala sengwe le sengwe ka dikgomo tsa bone jaaka tlholego le dipopego tsa tsone.
O ne a ba bolelela gore ba tshwanetse go itse gore a dikgomo di kentilwe leng le gore matlhasedi a molemo a tlaa bo a fedile leng mo seruiweng pele ga se ka tlhajwa.
Dr Sebina o bile a ba bolelela gore fa kgomo e tswa go sele o le morui o tshwanetse go dira thulaganyo ya gore o amogela leruo leo ka go le kwadisa, le gone fa ba le ntsha, ba tshwanetse go supa gore ba ntshitse dikgomo tseo ka mokwalo le gore dikgomo fa di eswa ba tshwanetse go itsese ba matlhoko a leruo.
Mongwe wa barui ba ba neng ba tsene phuthego eo, Rre Bathusi Letlhare o ne a ntsha ngongora ya gore lephata ga le a dira morero o o o lekaneng wa go itsese barui ka tsamaiso ya gompieno ya go rua.
Bishop Molatlhegi Selapa o ne a botsa gore fa bana ba ruetse mo lesakeng la motsadi a go tlhokana le gore ba ikwadise botlhe.
E rile a ba kgwa dikgaba, Dr Sebina a ba bolelela gore morero ga o a felela foo, le gore puso e dira dithulaganyo tse di farologanyeng jaaka pitso ya letsema, e e kileng ya tshwarwa kwa Serowe ka 2010 le kwa Ghantsi ngogola.
Fa a araba, Dr Sebina o ne a ba tlhalosetsa gore fa bana ba ruetse mo lesakeng la motsadi, ke boikarabelo jwa motsadi go kwadisa lesaka. BOPA
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : SEROWE
Event : phuthego ya barui
Date : 18 Jun 2018



