Dikgotlhang tsa malapa di atile kwa Jwaneng
17 Jun 2018
Kgosi wa Jwaneng, Rre Mpaesele Itumeleng a re ba tshwenngwa ke dikgang tsa dikgotlhang mo malapeng tse a reng di akaretsa banyalani gammogo le ba ba nnang mmogo ba sa nyalana.
E rile a bua mo potsolotsong, Rre Itumeleng a re mo bekeng ba agisanya dikgang tsa malwapa di ka nna pedi kana tharo, seemo se a reng se a ba tshwenya e le bagolo ba morafe.
A re go le gantsi dikgotlhang tse di tsalwa ke go nna le bakapelo ba le bantsi.
A re ba leka ka bojotlhe gore dikgang tsa banyalani ba di tshwaraganele le batsadi ka jaana nyalo e rerwa ke batsadi.
Le fa go ntse jalo, a re ga go motlhofo go kopana le batsadi bangwe ka jaana ba nna kwa metseng e e kgakala le toropo.
Rre Itumeleng a re mokgwa wa go inyadisa le one o apesitse toropo ya Jwaneng kobo ka letshoba, mme e bile o baka dintwa fa batho ba setse ba kgaogana.
A re ere ntswa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ba supa mabaka a tshwana le go thusanya ditshenyegelo tsa botshelo,ba itemogetse gore thulaganyo ya go nna mmogo ba sa nyalana e thatafatsa dilo bogolo jang fa ba setse ba tlhoka kutlwisisanyo.
A re bontsi jwa batho ba ba nnang jalo mmogo ba tsamaisa dilo jaaka batho ba nyalane semolao mme go tsale di-tla morago di tshwana le dipolaano gammogo le gone go anama ga malwetse a tlhakanelo dikobo.
A re dikgotlhang tsa mofuta o fa di tla fa pele ga lekgotla go dingalo go di rarabolola ka jaana tshireletsego ya molao wa batho ba sa nyalana ga e tshwane le ya ba ba nyalaneng.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Itumeleng a re ba tshwenngwa ke batho ba dikoloto tse di atlhotsweng ke makgotla a Setswana.
A re ba na le dikgang di le dintsi tsa melato e e sa duelwang le ntswa ba tsweletse ka go dira maiteko a go phutha dikoloto tseo le gone go gapela beng ba tsone dithoto.
Le fa go ntse jalo, a re ba tsweletse ka go sala ditsamaiso tsa go phutha dikoloto morago mme e bile ba dira maiteko a go itshwaraganya le bahiri go rarabolola dikgang tsa badiri ba bone tsa dikoloto. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Jwaneng
Event : Potsolotso
Date : 17 Jun 2018



