PMTCT e ntsha maduo kwa Nhabe
17 Jun 2018
Mogokaganyi wa lenaneo la thibelo ya mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng (PMTCT) kwa Ngami District Management Health Team, Mme Keamogetse Maphane a re lenaneo le le na le maduo a a itumedisang mo go lwantsheng mogare.
Mme Maphane o rotloeditse bomme ba ba itsholofetseng go itlhatlhoba le go tsenelela lenaneo le go sale nako.
O buile jalo kwa letsatsing la go tsibosa setshaba ka lenaneo leo.
Tiro e e ne e rulagantswe ke ba kokelwana ya Boseja/Kubung le Maun e kopantswe le go ipelela letsatsi la banana mo Maun.
A re go botlhokwa go fa bana ditlamelo tsa botsogo ka ke tshwanelo ya bone, e bile a re batsadi ba ba itsang bana tshwanelo eo ba tlola molao.
Mme Maphane a re dipatlisiso di supa fa dipalo tsa bana ba ba tsholwang ba na le mogare di ile tlase ka ntlha ya lenaneo leo.
Fa lenaneo le simologa, tlhatlhobo e ne e dirwa ngwana a na le ngwaga le a le ngwaga tse pedi, mme morago ga fetolwa gore lenaneo le le nne le maduo a a tseneletseng ka go tlhatlhoba bana ba le dibeke tse thataro, dikgwedi tse thataro, ngwaga le ngwaga tse pedi.
Mme Maphane a re diphetogo tseo di dirile gore lenaneo leo le atlege.
A re go le pele bana ba le masome mararo mo lekgolong ba ne ba tsholwa ka mogare mme jaanong seo se fetogile.
Ka jalo o ne a gwetlha batsadi go dirisana le ba bongaka, a re go botlhokwa gore bana bao ba dirwe ditlhatlhobo tseo tsotlhe go netefatsa fa mogare o seyo, kgotsa go tsenya ngwana mo lenaneong la diritibatsi fa mogare o le teng.
Mme Maphane o ne gape a rotloetsa bommabana go tlhokomela dikarata tsa bana tsa botsogo, a re dikarata tseo di botlhokwa ka di kaela batsadi ka malwetse a a amang bana.
A re go molato go kgagola pampiri nngwe mo karateng ya ngwana, a re seo se tlwaelesegile mo tsebeng e e nang le seemo sa mogare sa batsadi.
A re batho ba ka sekisediwa go kgagola sedirisiwa sa puso.
O supile gape fa bomme ba ba sa itlhatlhobeng fa ba le baimana ba baya masea a bone mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare.
A re ba bongaka ba na le tetla ya go tlhatlhoba ngwana le fa mmangwana a seyo.
Mme Maphane a re go botlhokwa go fa bana tlhokomelo e e rileng gore ba nne le bokamoso jo bo siameng.
Mooki kwa kokelwaneng ya Boseja/Kubung, Mme Keitumetse Motsholapheko a re maikaelelo a letsatsi leo ke go rutuntsha batho ka botsogo jwa bana, bogolo jang ka thibelo ya mogare.
A re go tlhokafala gore bana ba nne le botsogo jo bo itekanetseng.
Letsatsi leo le ne gape le na le metshameko ya bana, le go itlhatlhobela malwetse a a farologaneng ke bagolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Maun
Event : Moletlo
Date : 17 Jun 2018



