Breaking News

Go leswafatsa noka ke molato

14 Jun 2018

Kgosi Gunny Moses wa Monarch mo Francistown o buile a menne phatla ka batho ba ba leswefatsang noka ya Ntshe, e e fetang gaufi le kgaolo ya gagwe.

E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Kgosi Moses o ne a tlhalosa fa batho bangwe ba latlhela matlakala a tshwana le masalela a dikago, ditsiri, mabotlolo, dithaere tsa dikoloi le tse dingwe mo nokeng gammogo le mo lotshitshing.

A re matlakala a tshwana le mafura a dikoloi a a dirisitsweng le mabotlolo a a thubegileng, a ka nna diphatsa mo baneng.

Mo godimo ga moo, Kgosi Moses o ne a kgala dikereke tse di dirisang noka go kolobetsa le go rapela, mme ba tlogele leswe le tshwana le matsela mo nokeng. A re go dira jaana ke go tlhoka boikarabelo e bile ke matlhabisa ditlhong.

A re leswe le le gogolwa ke metsi ka dinako tsa dipula go ya kwa letamong la Shashe le le nosang diketekete tsa batho, e bile puso e dirisa madi a mantsi go tlhatswa metsi.

Gape a re e le banni ba Monarch, ba tshwanetse go tshwaraganela go tlhokomela noka e, ka go thusa mo go e phepafatseng le go begela mapodisi kgotsa ba lephata la tshomarelo tikologo ka batho ba ba leswafatsang noka.

A re dithuto di tshwanetse go dirwa mo bathong ka botlhokwa jwa go somarela tikologo.

E re dikgang di eme jalo, Kgosi Moses o ne a supa matshwenyego ka go tlhaela ga ditanka tse di latlhelang matlakala mo Monarch, a supa fa tse di leng teng di kgona go tlala mme khansele e bo e tsaya lebaka e sa tsee matlakala.

A re se le sone se ka nna le seabe mo go reng batho ba felele ba latlhela matlakala gongwe le gongwe, go balelwa le mo nokeng.

Kgosi Moses a re bojang le ditlhare tse di mo nokeng di ka dira gore monang o iphitlhe mo go tsone, mme se se ka baka letshoroma. Gape o buile fa a tlaa kopana le komiti ya ditlhabololo tsa motse go bona gore babereki ba Ipelegeng ba ka seke ba theogelele mo nokeng ka nakwana go thusa go phepafatsa. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 14 Jun 2018