Breaking News

Raditladi Class of 98 e abela bana

14 Jun 2018

Banana ba ba feditseng lokwalo lwa bosupa ka 1998 kwa sekoleng se sebotlana sa Raditladi kwa Bokaa ba abetse bana ba babotlana ba sekole seo dilwana tsa mariga di akaretsa mebese, dikausu le diatlana.

Fa a akgola banana bao, moeteledipele wa thuto mo lephateng la dikole tse dipotlana Mme Tebogo Mosothwane a re go direla ngwana ka pelo yotlhe ke go itsisetsa kagiso mo botshelong.

O tlhalositse fa go abela bana ba sekole e le tsela nngwe ya go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko mme e bile e le pelotlhomogi.

A re dilwana tseo di tlaa thusa bana gore ba seka ba ipona tsapa go ya sekoleng fa go le serame ka di tlaa ba thuthafatsa.

Mme Mosothwane a re Class of 98 e tsee se e le tshimologo ya tse di molemo mme ba akanye go feta se ba se dirileng mo nakong e e tlang go godisa motlhala wa bone.

O tlhalositse fa Raditladi a  segofetse ka a dira sentle mme ebile go supa fa a tswa kgakala ka go nna sego ka a na le dialogane tse di thusa gore a atlege.

O rotloeditse barutabana go nna le tirisano mmogo le baeteledipele ba motse ka ke bone ba ka ba thusang mo mathateng a ba nang le one le go ba isa kwa ba ka bonang thuso teng.

Moemedi wa Class of 1998 Mme Unity Mpapane a re ba bone go tshwanela gore e le dialogane tsa Raditladi ba direle sekole sa bone sengwe se se ka solegelang bana ba ba iseng ba bale lekwalo la ntlha molemo.

O lebogetse puso go bo e bone go le botlhokwa go nna le lenaneo la bana bao ka bangwe batsadi ba sena madi a go isa bana kwa dikoleng tsa bananyana.

A re ba gwetlhilwe ke Setswana se se reng moroto wa o esi ga o ele gore le bone ba ka tsaya karolo mo bokamosong jwa bana bao ka ba ikaelela go ba rekela dilwana tsa mariga.

Mme Mpapane a re ngwana ke motho yo tshabelelwang ke serame mme seo se dire gore a seka a reetsa morutabana.

A re se ke tebogo ya bone go barutabana le sekole gore ba bo ba ba dirile se ba leng sone le go kgothatsa bana gore ba ka nna se ba batlang go nna sone go sa kgathalasege gore ba tsene sekole kae.

O tlhalositse fa ba tlaa tswelela ba dira mmogo le go laletsa ba bangwe go ikopanya le bone gore ba direle Bokaa dikgolo.

Kgosi Sue Mosinyi o lebogetse setlhopha seo go bo ba bone go tshwanela go gopola kwa ba tswang teng ka go le botlhokwa go dira jalo.

A re se se tlaa ba gwetlha e le baeteledipele gore le bone ba dire se segolo go leka go tokafatsa thuto.

Morutabana Tumelo Pelaelo o tlhalositse fa Raditladi e le sekole se setona mme ba lebogela go bo se tsweletse ka go dira bontle mo dithutong. A re sekole seo se dirile bontle mo lekwalong la bosupa ngogola ka se nnile le baithuti ba ba tsereng maemo a ntlha ba le masome a mararo le borataro.

O tlhalositse fa thuso ya ba ba feditseng ka 1998 e tlaa thusa mo maduong a bana ka ba tlaa kgona go reetsa fa ba rutwa.

Rre Pelaelo a re dialogane tseo di tswelele ka go thusa ba ba tlhokang thuso gore Modimo a ba fe boitumelo.

Moeteledipe wa komiti ya batsadi le bartabana Rre Radipudi Metlhaleng o tlhalositse fa Modimo e le ene a lebogang mme a tlaa dira thato ya gagwe mo dialoganeng tse di abetseng bana ba Raditladi.

A re go molemo thata go dira ka lorato ka le maduo a nna teng.

O lebogetse setlhopa sa 1998 go direla bana ka lerato ka bana e le mpho ya Modimo. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Miranda Mapotsane

Location : BOKAA

Event : Kabo ya dilwana tsa mariga

Date : 14 Jun 2018