Ouma Foundation e bolotsa letsholo
14 Jun 2018
E re ka jaana kankere e apesitse lefatshe ka bophara kobo ka letshoba, Ouma Foundation e boloditse letsholo la go rutuntsha setshaba ka thibelo kanamo ya kankere ya molomo wa popelo.
Fa a buisana le morafe wa Ngwatle bosheng, moeteledipele wa mokgatlho, e bile e le mosimolodi wa one, Mme Ouma Rammidi o tlhaloseditse ba-tsena phuthego gore toro ya gagwe ke go fedisa dintsho tsa kankere.
A re ba thubile lebelo go ralala lefatshe leno ba ruta le go tlhatlhobela bolwetse joo ka jaana ba itemogetse gore setshaba ka bontsi ga sena lesedi le le tseneletseng ka bolwetse jo.
Mme Rammidi a re loeto lwa bone, ba sa le ba le simolotse kgwedi e e fetileng e le lesome le bongwe, mme ba ya go wetsa kgwedi e e tlang e ferabobedi.
O ne a tlhalosa gore go ya ka dipatlisiso tsa ba botsogo, kankere ya molomo wa popelo ke yone e di gogang kwa pele mo go gapeng matshelo a batho.
Mme Rammidi o tlhalositse gore kankere go ya ka mehuta ya yone, ga e na kalafi mme a supa fa e kgona go thibelwa.
A re go le gantsi, kankere fa e go tsena, ga o kake wa kgona go e utlwa.
A re o ya go bo utlwa fela bo setse bo go jetse ka kwa teng, ke ka moo ba kopang setshaba go tsibogela go itlhatlhoba go sale nako.
O ne a tlhalosetsa morafe gore go le gantsi kankere e ka go tsena ka ntlha ya maitsholo a gago jaaka go goga motsoko le go iphetisa nno-tagi.
O ne a supa fa mo loetong lwa bone, ba dira ditlhatlhobo tsa Vinegar test, e ka yone batho ba nang le sebaka sa go bona maduo gone foo.
O ne a gakolola bomme gore morago ga kalafi ba tshwanetse go iphapha mo tlhakanelong dikobo selekanyo sa dibeke tse thataro gore ba ikoke sentle.
Fa a amogela baeng, Kgosi Mangau Mareetsane o ne a lebogela ba botsogo le ba Ouma Foundation ka go atumetsa ditirelo kwa go bone, a re se se tlaa dira pharologanyo mo matshelong a banni ba motse wa gagwe.
Kgosi o gwetlhile morafe go sekegela dithuto tsa botsogo tsebe, ka jaana dithuto di dirilwe di le dintsi mme go sa ntse go na le batho ba ba tlhokafalang ka ntata ya AIDS le mororo ba fiwa dipilisi mahala.
O ne a gwetlha morafe go tsaya maikarabelo ka matshelo a bone, jaaka go sala ditaelo tsa ba botsogo morago le gone go itlhatlhobela malwetse nako e sale teng go fema dintsho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Othusitse Letlotlo
Location : NGWATLE
Event : Letsholo la go rutuntsha setshaba
Date : 14 Jun 2018



