Komiti ya Gakuto e gatetse pele
14 Jun 2018
E re ka go twe mokoduwe go tsosiwa o o itekang, komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Gakuto mo Kweneng, e dirile fela jalo, ka e simolotse go ikemela ka dinao go dira ditlhabololo mo motseng go imolola puso morwalo.
Mo potsolotsong le BOPA, modulasetilo wa komiti Mme Sekhala Ramphala o tlhalositse fa ba itshegetse seelo e le maloko a komiti, mme ba dumalane le bogogi jwa motse gore ba tsenye letsogo mo go thuseng puso ka go itirela ditlhabololo ka jaana puso e ka seke e kgone e le nosi.
A re go le gantsi, ba kopa madi mo dikomponeng go ka dira ditlhabololo tseo, a tlatsa ka go re ba atle ba ithuse ka madi a a mo letloleng la komiti.
Mme Ramphala a re mo nakong eno, ba na le setsha sa maemelo a dipalamo tsa setshaba, se ba ikaelelelang go se tlhabolola monongwaga, a supa fa ba setse ba lekodisitse morafe ka maikaelelo a bone.
A re mo go tlhabololeng maemelo a dipalamo, ba ya go dirisa madi a ditlhabololo tsa dikgaolo a ngwaga wa 2017/18.
Ka one madi ao, a re ba ya go teratelela setsha seo, ba bo ba aga matlwana a boitiketso a segompieno gammogo le go duela moagi. Mo mading ao, ba ya go aga gape ntlo ya LA2, e ba tlaa e hirisang gore e ba tsenyetse madi.
Mo mading a ditlhabololo a ngwaga wa 2018/19, ba ya go gokela motlakase le go tsenya dipone mo maemelong ao, gammogo le go tsenya marekisetso a dikgwebo tse dipotlana le go ala ditena gore go lebege sentle.
O tladitse ka gore ba setse ba weditse go aga ntlo ya LA2, a kaya fa ba santse ba tsweletse ka go aga e nngwe.
Fa godimo ga moo, Mme Ramphala o supile fa ba tsweletse ka go supa mowa wa kutlwelobotlhoko, wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
O ne a tlhalosa fa ba sa tswa go tsenyetsa motlhoki mongwe terata le go mo agela ntlo, ntlwana ya boitiketso le go mo direla tshingwana ya merogo.
O supa fa ba ne ba thusiwa ke banka ya Barclays. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : Gakuto
Event : Potsolotso
Date : 14 Jun 2018



