Bogodu bo kgoreletsa dithuto kwa Mowana
12 Jun 2018
Bogogi jwa sekole se segolwane sa Mowana mo Mahalapye bo tshwenngwa ke tshenyo ya didirisiwa le bogodu jo bo dirwang mo tshingwaneng ya merogo, tse ba dumelang di kgoreletsa lenaneo la thuto.
Matshwenyego ao, a ntshitswe ke barutabana ba dithuto tsa temo-thuo ka Laboraro jaaka baithuti ba mophato wa boraro ba ne ba abela makalana a a farologanyeng mpho ya merogo.
Rre Misani Senome a re magodu ao a kgaola terata ya sekole gore ba kgone go utswa merogo.
A re le fa ba leka go laola seemo ka go thiba diphatlha, go lebega ba ba dirang tshenyo eo ba sena maikaelelo a go boela morago.
O supile gore se se tshwenyang ke gore bogodu jo bo dirwa ke bangwe ba ba tswang mo motseng.
Rre Senome o ne a supa gore tshenyo e e dirwang ke magodu e senya tebego ya ditshingwana tsa baithuti, ka jalo seo se na le kgonagalo ya go ama matshwao a bone.
Rre Senome o ikuetse mo batsading go thusa go lwantsha seemo se, a kopa baithuti go ikgapha mo ditirong tsa borukutlhi, ka gore di ka kgoreletsa maikaelelo a bone a go ipetlela isago.
A re mebutla e e ruilweng go tokafatsa tsamaiso ya go ruta baithuti, e felela mo maganong a magadu.
Kgosi wa kgotlana ya Mowana, Rre James Ramaijane o gakolotse bana ba sekole go ikgapha mo ditirong tse di ka kgoreletseng dithuto tsa bone jaaka bojalwa, ditagi le ditiro tse dingwe tsa borukutlhi.
Kgosi Ramaijane a re go botlhokwa gore baithuti ba nne le boikarabelo, ba reetse molao wa batsadi le barutabana gore ba kgone go tswelela sentle mo dithutong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : Gaotlhobogwe Orefile
Event : Kabo ya merogo
Date : 12 Jun 2018



