Breaking News

Ba Ukhwi ba bete se molangwana

12 Jun 2018

Banni ba Ukhwi mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone  ba re ba bete se molangwana ka tshwetso e e tserweng ke mapodisi gore motse wa bone go thusiwe ke ba ofisi ya  Ncojane kwa kgaolong ya Ghanzi.

Kgosi Kasekometsa Ping o ntshitse ngongora eo jaaka a ne a amogela baeng mo kgotleng ya Ukhwi bosheng.

Kgosi Ping a re ga ba itumelele tshwetso eo ka jaana motse wa bone o le kgakala le ditlamelo, ka jalo phudugo eo e tsile go ba baya ka fa mosing le go feta.

A re go le gantsi go fetolwa ga ditsamaiso dingwe tsa puso go ba okeletsa manokonoko a letlhoko.

Kgosi o tlhalositse fa a lekile go dira boikuelo kwa go mothusa Divisional Commander wa borwa,    Assistant Senior Commissioner, Boikhutso Dintwa ka Mopitlo gore ba seka ba ba fudusetsa kwa ofising ya Ncojane mme go lebega maiteko a bone a iteile sefololetse.

O ne  a kopa gore bogolo go dirwe thulaganyo ya gore ofisi ya Ncojane e tsenye letsogo fa ba ofisi ya Tshane ba na le mathata a go goroga kwa go bone.

O ne a gatelela fa mapodisi a ka bo a ne ba simolola ka go rekegela letlhoko la bone la koloi pele ga dilo tsotlhe.

 Kgosi Ping a re ga ba na lesokolela lepe le thuso go tswa kwa bodireding jwa ofisi ya Tshane, a iteela kobo moroko ka go re, ga se gore morafe o gana fela, a re ba ba ba lobadi,  ka jaana go le gantsi dilo di fetolwa fela go le bonolo, mme morago ba sale ba lela sa ga Ragele.

O ne a nankola gore Lephata la tsa metsi le ne la neela ditirelo koporase ya Water Utilities, mme gompieno ba tshelela mo lenyoreng.

A re go dikilwe go neetswe ba poso ditirelo tsa go duela babereki ba Ipelegeng le bone ke selelo le khuruanyo ya meno.

Kgosi Ping o ne a kopa ofisi ya ga molaodi le mapodisi go fetisetsa selelo sa bone kwa go mookamedi mogolo wa sepodisi. E rile fa a tswa la gagwe, mookamela mapodisi wa Tshane, Superintendent Vusimusi Jorowe a sedimosetsa morafe gore ga se gore go fetoga sepe fela.

A re maikaelelo a puso ke go leka go atumetsa ditlamelo tsa boleng jo bo rileng kwa setshabeng.

A re sebe sa phiri ke go tlhomamisa gore ba bona dithuso ka bofefo jo bo kgonagalang, a tlatsa ka go re, puso e lemogile gore ofisi ya Ncojane e gaufi ka jaana mosepele go tswa kwa Tshane go ya Ukhwi ke sekgala sa dikhilomithara di ka tshwara makgolo a mabedi, mme go tswa Ncojane e le dikhilomithara di ka tshwara masome a matlhano.

Supt Jorowe o ne a itsese morafe fa puso e tlhaelelwa ke didirisiwa di tshwana le dikoloi, e bile go sena ditsela tse di siameng  mme se, se ketefaletse bodiredi go isa ditirelo ka nako e e beilweng.

Fa a ema morafe ka lefoko, molaodi wa Kgalagadi Bokone, Mme Segomotso Nkwane, o rotloeditse morafe go amogela tshwetso ya ga ramapodisi ka lebaka la gore ba tlaa  kgona go bona ditirelo ka bofefo.

O ne a ba tlhalosetsa gore ga se gore motse wa bone o ntshiwa ka fa tlase ga Kgalagadi Bokone, ke kgang ya go fudusa ditirelo tsa sepodisi fela, mme ditirelo tsa maphatha a,mangwe ba tlaa tswelelela ba di neelwa go tswa kwa Hukuntsi. E re dikgang di eme jalo, Mmakaseterata wa Kgalagadi Bokone, Rre Tshepo Magatse, o ne a itsise morafe gore ba mo thulaganyong ya go simolodisa go isa ditlamelo kwa dikgaolong tse di kgakala. ENDs

 

Source : BOPA

Author : Othusitse Letlotlo

Location : UKHWI

Event : Kamogelo ya baeng kwa kgotleng.

Date : 12 Jun 2018