Breaking News

Lenaneo la nyeletso lehuma le dira pharologanyo e kgolo

14 Jun 2018

Se se simolotseng e le itloso bodutu ka 1998 ka fa tlase ga setlhare mo lwapeng se fetogile go nna itshetso mo go Mme Mpho Kebadireng.

Mme Kebadireng wa kgwebo ya moriri ya Trend Setter kwa kgotleng ya Boseja kwa Mochudi a re kgwebo ya gagwe e simolotse ngogola ka lenaneo la nyeletso lehuma. Mme Kebadireng o boleletse BOPA fa a ne a thusiwa ka didirisiwa go simolola kgwebo.

O boletse fa e ne ya re morago ga dithuso tse, a segofala ka go bona lefelo la go direla segautshwane. A re o na le kitso e ntsi ka a diretse madirelo ka bontsi a moriri kwa Gaborone gape a dirile dithuto tsa Hair Dressing ka 2004 kwa Madirelo.

Ka a na le babereki ba le babedi, a re tiro ya gagwe ke go okamela le go bapatsa kgwebo. Tiro ya gagwe a re e akaretsa gape le go ntlafatsa banyadi.

A re ba lephata la nyeletso lehuma ba a tle ba mo rotloetse fa go na le dikgaisanyo tsa bommabontle ba dikgaolo ga mmogo le ba mmino wa dikopelo, ba ba tlang gantsi fa ba na le dikgaisanyo. Mme Kebadireng a re o na le kgwetlho ya badiri ba ba sa nneng lobaka, ka gantsi ba duelwa ka fa ba dirileng ka teng.

 A re go hirisa ke kgwetlho ka go le turu mme a sa ineele ka a dirisa methale e e farologaneng jaaka facebook le dipampitshana tsa ipapatso go e bapatsa. Mme Kebadireng a re o ikaelela gore mo dingwageng tse tlhano, a bo a na le kolotsana e a tlaa kgonang go tsamaya gongwe le gongwe a tshotse ditlamelo le didirisiwa tsa kgwebo go isa ditlamelo kwa metseng e mengwe.

 Mme Kebadireng o ikaelela gape go dira kgwebo ya moriri e e itebagantseng fela le bana ka e le selo se se seong kwa Mochudi le mafelo a a mabapi.  ENDS

Source : BOPA

Author : Boago Molwane

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 14 Jun 2018