Breaking News

Molelo o jele diaparo tsa bana

14 Jun 2018

Mapodisi a Kanye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone kgabo ya molemo e e neng ya fisa dilwana kwa lolwapeng lengwe kwa Gakgolo kwa Kanye bosigo jwa Tshipi ka nako ya lesome le motso motso.

Superintendant Mmoloki Mogale o tlhalositse mo potsolotsong  fa mme yo o dingwaga tse di masome mararo le botlhano wa kgotla ya Gakgolo mo Kanye a neng a ba begela fa a leleditswe ke mmaagwe a mmolelela gore ntlo e a sha mme go tuka  beke e e tsentseng diaparo tsa bana fela.

Rre Mogale a re molelo oo o fisitse diaparo tsa bana tsa mo lwapeng le paka ya sekole fela.

A re ba ne ba ragogela kwa lolwapeng loo mme ba kgona go thusa go tima molemo oo.

A re ga go itsewe se se ka tswang se bakile molelo oo ka motlakase o ne o supa o siame gape ga o ise o kgaoge letsatsi leo.

O tlhalositse gape fa go ne go sena kerese gope gautshwane le fa e le lebokose la mokgwaro.

O boletse fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile molelo oo.

Rre Mogale a re dikgang tsa molelo di a tshwenya mo kgaolong ya gagwe mme gantsi e abo e le tse di bakilweng ke dikerese kana bana ba tshuba matlo ka lotlhokwa lwa mokgwaro. ENDS

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 14 Jun 2018