Mapodisi a fitlhetse setopo fa thoko ga tsela
13 Jun 2018
Mopodisi a Thamaga a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng monna mongwe a tlhokafetse fa thoko ga tsela mo Thamaga.
Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Thamaga Superintendent Ellias Magosi o tlhalositse fa e rile ka Tshipi beke e e fetileng mo mosong, fa gare ga nako ya lesome le ya lesome le motso, bafeti ka tsela ba tlhaba mokgosi ka setopo sa monna se se bonweng fa thoko ga tsela.
O tlhalosa fa monna yoo a le dingwaga di magareng ga masome a mane le botlhano go ya kwa go tse di masome a matlhano, a tlholega mo kgotleng ya Maradu gone kwa Thamaga.
“Re ne ra ragogela kwa lefelong la tiragalo mme ka boammaaruri ra fitlhela setopo sa monna mongwe se le mo seemong se se sa siamang,” Superintendent Magosi a tlhalosa.
O bile a tlhalosa fa ba ne ba isa setopo seo kwa kokelong ya Thamaga kwa go fetilweng ga rurifadiwa fa a tlhokafetse, mme a kaya fa ba losika ba ne ba itsesiwe ka tiragalo eo.
Superintendent Magosi o bile a supa fa setopo seo se fitlhilwe ka lone letsati leo ka jaana se ne se senyegile, mme a re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile loso.
Mo go tse dingwe, Superintendent Magosi o ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa thata ke bogodu jwa go phamolela batho dithoto le dititeo tse gantsi di diragalang bosigo.
A re nako e ntsi ditiragalo tseo di diragala fa go duwa kwa maitisong, fa tse dingwe, segolo bogolo dititeo di a bo di bakwa ke tlhoka kutlwisisanyo e e simolotseng kwa maitisong.
Mookamela mapodisi o kopile banana go ikgapha mo dino-taging ka jaana e le tsone tshoso e rweleng mo bo-tswa tseleng jwa banana.
A re go botlhokwa gore batho ba nwe ba itekanyetsa ka seo se ka ba thusa go bona se se diragalang fa ba tsamayang teng.
Superintendent Magosi o ne a rotloetsa setshaba go nna se tsamaya fa go babalesegileng ka dinako tsotlhe go hema go welwa ke dihawa.
Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa seemo sa borukutlhi se wetse tlase mo Thamaga.
O kaya fa ba ntshitse mapodisi a a tsamayang bosigo go bona se se diragalang mo motseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : THAMAGA
Event : Potsolotso
Date : 13 Jun 2018



