Setshaba se kopiwa go batlisa mapodisi
13 Jun 2018
Mapodisi a Tshane a kopa setshaba go ba batlisa rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mane yo o tlholegang kwa kgotleng ya Letsepa mo Hukuntsi.
Rre yo o bonwe labofelo kgwedi e e fetileng e tlhola malatsi a le lesome le bone.
Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Tshane, Superintendent Vusimusi Jorowe a re rre yoo e leng Tshireletso Lejabu, mme o tlwaelesegile thata ka leina la ‘Vulture’, a rata go tsenelela diphitlho mo tikologong le metse e e mabapi, ka jalo a bonwe labofelo ke ba losika a ba bolelela fa a ya phitlhong kwa Lokgwabe.
A re ka nako ya fa Rre Lejabu a tswa kwa lwapeng, o ne a apere borokgwe jwa matalanyane yo o botala jwa loapi, baki e ntsho, le ditlhako tse dithokwa.
Supt Jorowe o ne a tlatsa ka go re Rre Lejabu ga a a itekanela sentle mo tlhaloganyong.
Ka jalo o kopile setshaba gore ope fela yo o ka mmonang a itsese mapodisi a Tshane mo megaleng ya 6511765/8 kana mogala wa mahala wa 999 kana mapodisi a a gaufi ka bofefo jo bo kgonagalang.
E re dikgang di eme jalo, Supt Jorowe o ne a tsibosa setshaba fa paka ya mariga e gorogile, ka jalo melelo ya naga e simolola go ba apesa kobo ka letshoba.
O ne a tlhagisa bagogi ba motsoko go tlhomamaisa gore ba tima ditompi le gone gore ba seka ba di latlhela gongwe le gongwe ka jaana di le borai go ka baka molelo wa naga.
O ne a gwetlha balemi le bone gore fa ba tshuba diphikwe kwa masimo ba tlhomamise ka dinako tsotlhe gore ga ba katoge melelo eo gore e seka ya jwelelela le naga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : Pego ya mapodisi
Date : 13 Jun 2018



