Breaking News

Kgosi wa Mabudzane o lela ka bogodu

13 Jun 2018

Kgosi Nchidzi Ndzimumbi wa Mabudzane mo Bokone Botlhaba a re o tshwentswe ke borukutlhi jo bo tsweletseng ka go golela pele mo motseng wa gagwe. 

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Kgosi Ndzimumbi o supile fa maiteko a bone a go lwantsha borukutlhi a sa tswe tema ka jaana bangwe mo motseng ba tsweletse ka go thapa batswakwa ba ba senang diteseletso. 

A re ka motse wa gagwe o le gaufi le molelwane wa Zimbabwe, ba tshabelelwa ke go senyediwa ke batswakwa ba bo ba boela ga bone. 

Kgosi Ndzimumbi o tlhalositse fa borukutlhi jo, bo akaretsa go utswiwa ga megala ya motlakase, go thujwa ga matlo le gone go utswiwa ga dijalo kwa masimo. 

O tlhalositse fa ngogola ba ne ba kgona go tshwara batho ba le mmalwa ba ba neng ba amega mo bogodung jwa dijalo, mme ba kgona go ba lebisa melato e e maleba. 

Kgosi Ndzimumbi a re monongwaga ba ikemiseditse go nna podi matseba go fokotsa borukutlhi mo motseng. 

O supile gape fa ba abetswe mapodisi a le mane go tlatsa a mabedi a a ntseng a le teng. 

Kgosi Ndzimumbi a re kgwetlho nngwe e ba lebaneng nayo ke ya tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso, ka jaana ba tshwanelwa ke go ba thusa go batla matlo a boroko mo malwapeng. 

E ne ya re a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Bagele Dodile a supa fa ba sa jesiwe di welang ke tshenyo mo masimo. 

A re le ntswa go na le bogodu, balemi ba tshwenngwa gape ke tshenyo e e bakwang ke dikolobe tsa naga ka jaana di eja dijalo di akaretsa magapu le marotse. 

Le fa go ntse jalo, Mme Dodile o tlhalositse fa banana ba tsweletse ka go ikopela mananeo a go itshetsa le go lwantsha lehuma ga mmogo le go tsenelela Ipelegeng go ba ntsha mo mebileng ka e le bone ba ba amegang thata mo go tsa borukutlhi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kunyalala Manyepedza

Location : MABUDZANE

Event : Potsolotso

Date : 13 Jun 2018