Breaking News

Go sela matlakala ke karolo ya ditlhabololo

13 Jun 2018

Mogolwane wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Maipelo Selatolo o tlhalositse gore bophepa ke ntlha e e botlhokwa mo botshelong. 

Rre Selatolo o buile jaana mo bokopanong jo bo neng bo kokoantse bagolwane ba khansele-potlana eo. 

O ne a re e le ba khansele ba na le mananeo a tshwana le a Ipelegeng, go thusa go sela matlakala le go tlhatlhelela morafe ka mosola wa go nna phepa. 

A re Tutume o motona e bile o na le ditiro tsa ditlhabololo tse di tsweletseng, tse di ngokileng dikompone le banni ba basha, ka jalo o gakolotse gore go sela matlakala e seka ya nna selo se se lejwang ka leitlho la nyenyafatso, e bile se beetswe bodiredi fela, a tlatsa ka go re le batho ba motse ba tshwanetse go phephafatsa tikologo. 

O ne a re banni ba motse ba se ka ba batla go tla go tlhobogwa ke ba ba tsileng ka tsa tiro, ka go tlogela matlakala a gasame go sa tsewe kgato epe. 

Rre Selatolo o ne a re gore ditiro di dirwe go sena makgoreletsi ape jaaka go sa itekanela ga babereki, ke fa tikologo e go direlwang mo go yone e kgatlhisa, mme gape e supa gore go na le ba ba dirang mo go yone, e bile ba e tlhokomela ka go e phepafatsa. 

A re mafelo a a diretsweng matlakala a tshwanetse go dirisiwa, gore motse e nne o o tlaa elediwang ke ba bangwe ka lebaka la bophepa. 

Rre Selatolo a re fa e kabo e le gore go sela matlakala ga se selo sa botlhokwa, puso e ka bo e sa tsee matsapa le ditshenyegelo go thapa ba ba selang matlakala.

A re e nne seabe sa mongwe le mongwe go bona gore matlakala ga a gasagasiwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Setshege Muzila

Location : TUTUME

Event : bokopano

Date : 13 Jun 2018