Akabeng o itshetsa ka go suga letlalo
13 Jun 2018
Mme Tsholofelo Akabeng, 44, o itshetsa ka go dirisa letlalo go roka dibeke, diphate, mabante, ditlhako le dikgwama.
Mme Akabeng yo o direlang kwa kgotleng ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe a re o thusitswe ka lenaneo la nyeletso lehuma ka 2016 mme a ya dithutong tsa go roka letlalo kwa Morongwa Institute Of Leather Technologies kwa Gaborone ka a ne a na le kgatlhego le keletso ya go bereka ka letlalo mme a sena kitso.
Mme Akabeng a re ba nyeletso lehuma ba ne ba mo rekela didirisiwa di tshwana le bongapa jo bo ngaparisang ditlhako, matlalo, motshine o o rokang le o o kgabisang, tafole e e dirisiwang go sega letlalo le sefetlha motlakase.
Mme Akabeng a re matshwenyego a a lebaganeng le o ne ke go reka matlalo kwa Gaborone mme se se mo turela ka go le kgakala gape a sena se se mo rwalelang.
Mme Akabeng o ne a supa gore le fa a rutilwe go roka ditlhako, mabante le tse dingwe, go setse go na le tse a setseng a kgona go di dira mme a sa di ela sekoleng di tshwana le go kgabisa ditlhako ka leteisi.
A re o dira jaana ka a na le lorato lwa go tshegetsa ngwao ya Setswana.
Mme Akabeng a re o setse a tseneletse ditshupo tse di potlana di le mmalwa tse di rutang ka go dirisa di-tsa tlholego mme a setse a dirile dingwe tsa tsone di tshwana le mabante a a kgabisitsweng ka di-tswa temong di tshwana le mabele le mmidi.
O ne a tlhalosa fa e rile ka 2017 a tsena ditshupo kwa Selebi Phikwe le Sowa ka go tlhomagana kwa a neng a tsaya maemo a ntlha mo disupiweng di tshwana le ditlhako, phate e e kgabisang, le dikgwama.
Mme Akabeng yo o nang le bana ba le bararo mme a sa nyalwa o tlhalositse fa dietsele tse a ntseng a di gapa ka nako ya ditshupo di dirile pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe ka a sa tlhole e le mokopi.
A re o setse a kgonne go feleletsa ntlo ya gagwe mme tsholofelo ke gore mo bogaufing a bo a gokela motlakase.
Mme Akabeng a re o lebogela lenaneo la nyeletso lehuma ka le setse le ntshitse Batswana ba le bantsi mo leshekereng le ba neng ba tshela ka lone.
O ne a kgothatsa ba ba saletseng kwa morago go ikopanya le ba ba maleba gore ba kgone go thusiwa gore le bone ba kgone go oba letsogo.
Mme Akabeng o ne a supa fa maitlamo a gagwe e le go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile a kgona go thapa Batswana ba bangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Puisano
Date : 13 Jun 2018



