Breaking News

Go betla go ka nowa moro

13 Jun 2018

Rre Opi Gakebatshabe wa Khekhenye mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng a re tiro ya diatla e ka thusa mo go fokotseng manokonoko a letlhoko la ditiro le le atileng mo bananeng ba lefatshe leno.

Mo potsolotsong le BOPA, Rre Gakebatshabe, yo o dingwaga tse di masome a marataro le borobabongwe o tlhalositse fa a sale a simolotse go betla didirisiwa tsa Setswana di tshwana le ditilo tsa dikgole, dikika, megopo, dintshwana le tse dingwe  ka dingwaga tsa bo 1967.

O ne a tlhalosa fa mo nakong eno, a kgona go betla mekgabisa ya diphologolo ka go farologana a dirisa petlwana, thipana le legong.

A re tiro ya go betla ke neo e a e filweng ke Modimo, ka e simologile a sena go sela leswana la Setswana le le neng le sa betlega sentle, mme a le tsaya a ya go le baakanya, ya bo e le jaaka fa tiro ya gagwe ya go betla e simologile.

“Fa tiro ya go betla fa e ka tsewa ka tlhoafalo e  ka nna nngwe ya ditiro tse di ka tswelang Motswana mosola”, ga tlhalosa Rre Gakebatshabe.

Rre Gakebatshabe o supile fa e rile go bowa kwa meepong ya Afrika Borwa, tiro ya go betla ya nna yone konokono ya botshelo jwa gagwe ka a godisitse bana ba gagwe ka yone.

O ne a kaya fa a tsamaya metse e tshwana le Morwa-Mosu, Motokwe le e mengwe mo kgaolong ya Kweneng Bophirima, go rekisa didirisiwa tse a di betlileng, mme gape a kgona go goroga kwa Gaborone kwa a kaileng fa dithoto tse a di betlileng a di rekisetsa teng kwa Main Mall.

E re jaaka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho di tshwana le letlhoko la marekisetso a a tsepameng.

O ne a supa fa go tlhoka lefelo le le maleba go dira gore dinako dingwe a seka a kgona go bona dipoelo tse a neng a di solofetse.

O ne a supa selelo se a reng Batswana bangwe ba batla go tsietsa babetli le bagwebi ba ditiro tsa diatla.

A re gangwe le gape ba batla go tsaya dithoto tsa bone sesolo.

Rre Gakebatshabe o ne a supa fa mokgwa o o sa siama ka le bone ba leka go intsha mo lehumeng ka tiro ya diatla.

O ne a supa fa a kile a iteka mo dikgaisanyong tsa malatsi a ga Tautona, mme a kgona go tswa ka sengwe.

A re le mo nakong eno, o santse a iteka le fa a setse a itemogela fa bogodi bo itelekela.

A re keletso ya gagwe ke gore e re a santse a kgona, puso e mo dirise a rute bana mo dikoleng ka botsipa jo a nang le jone jwa go betla, gore e re motlhang a hularang, a bo a jwadile peo e e kareng kamoso ya bo e phatsimela lefatshe leno mo dithutong tsa petlo.

Rre Galebatshabe o ne a tlhalosa fa tiro ya diatla fela jaaka tiro nngwe le nngwe, e tshwanelwa ke go tsewa tsia ka e le botlhokwa mo go thuseng batho go imolola puso morwalo o e o rweleng wa go ba tlhokomela.

O gakolotse banana go huma bopelotelele fa ba batla go ithuta tiro ya go betla, a supa fa e sa batle motho yo o pelo khutshwane.

Rre Gakebatshabe o ne a kopa puso go otlolola letsogo mo go rotloetseng ditirong tsa diatla di tshwana le go betla, go roka le tse dingwe.

A re go di ema nokeng ka go dira marekisetso a bagwebi ba ba botlana go ka thusa ba ba itshetsang ka tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Jacob Obotseng

Location : KHEKHENYE

Event : Potsolotso

Date : 13 Jun 2018