Kgosi Orekeng o itumelela ditlhabololo
12 Jun 2018
Ditlhabololo ke nngwe ya dilo tse di atlwang thata ke baeteledipele ga mmogo le banni ka kakaretso fa di tla mo metseng ya bone.
Se ke ka ntlha ya gore ba abo ba na le tshepho le tsholofelo ya gore di tlaa tsisa pharologanyo mo matshelong a bone.
Fela jaaka baeteledipele ba metse ka go farologana kgosi wa Ntlhantlhe, Kgosi Malepa Orekeng le ene o iteetse ditlhabololo tse di sa tswang go dirwa mo motseng wa gagwe legofi.
Mo puisanyong le BOPA Kgosi Orekeng o tlhalositse fa a leboga puso ka ditlhabololo tse ka di tsisitse pharologanyo mo morafeng wa gagwe.
O kaile fa ditlhabolo tse di akaretsa kago ya diofisi tsa maphata a puso ka go farologana jaaka lephata la banana metshameko le ngwao, la boipelego, ofisi ya ga molaodi magareng ga tse dinngwe.
A re go nna teng ga diofisi tse mo Ntlhantlhe go kgaoletse morafe go tsaya mesepele e meleele ka go ba atumeleditse ditlamelo.
A re go le pele banni ba ne ba tlamega go latela dithuso kwa mafelong a a kgakajana jaaka Lobatse, Moshupa, Kanye le a mangwe.
Kgosi o tlhalositse fa maphata a a sa thuse baagi ba Ntlhantlhe fela mme dikgoro di bulegetse gape le ba metsana e e mabapi jaaka Lekgolobotlo, Magotlhwane, Ranaka le e menngwe ka bogautshwane ka mabaka a gore Ntlhantlhe o mo gare ga yone otlhe.
O kaile fa ditlhabololo tse di tsosolosa itsholelo ya Ntlhantlhe ka jaana di setse di tlhametse banni banngwe mebereko mo dikomponeng tsa phepafatso le tsa bodisa dikago.
Kgosi o kaile fa morafe o amogetse ditlhabololo tse ka dipelo tse di tsweu mme ba santse ba na le keletso ya gore lefelo le ka atolosiwa, go oketsa ditirelo ka go atumetsa diofisi tsa maphata a manngwe a puso jaaka la dituelo tsa makgetho.
A re keletso ke gore lefelo le le tswelele le tlhabologe gore le nne le seriti sa gore ke la maphata a puso le seka la nna lolea fela.
A re letlhoko la matlo a boroko a badirela puso ke nngwe ya dintlha tse di santseng di saletse kwa morago, mme di le botlhokwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Galaletsang Letshoo
Location : NTLHANTLHE
Event : Potsolotso
Date : 12 Jun 2018



