Breaking News

Kgaolwana ya DiloroKgagodi e dirisitse madi sentle - Mokhanselara

12 Jun 2018

Metse ya Diloro le Kgagodi e bolelwa e dirile go le gontsi ka lenaneo la puso la go tlhabolola metse le metsana ka madi a dikgaolo tsa botlhophi.

Mo potsolosong le BOPA, Mokhanselara wa Kgagodi/Diloro Mme Flora Emmanuel a re mo mading a ba neng ba a abetswe ba kgonne go dira ditiro di le dintsi go tlhabolola metse eo.

O boletse gore ba kgonne go kgaoganya P550 000 yo o filweng Diloro ka ditiro di supa, mo go tsone e le matlo a VDC a le mane le go a gokela metsi le motlakase ga mmogo le go a ntshafatsa. Mokhanselara Emmanuel a re mo go tse dingwe go ne ga agelelwa mabitla le go gokelwa ga motlakase mo matlong a matlhano a VDC a dikamore tse pedi.

Mo tirong e nngwe, a re ba dirisitse P26 000 go gokela metsi mo kgotleng le go tsenya motlakase mo leobong la kgotla.

A re ditiro tsotlhe di wetse ka nako le madi a dirisitswe mo go tsotlhe tse di neng di lopilwe.

Mokhanselara a re kwa Kgagodi ba kgonne go go gokela matlo a mane a VDC motlakase le metsi.

A re kgokelo ya metsi le motlakase mo matlong ao go tswa mo metseng yotlhe ka bobedi e simolotswe mo ngwageng o o fitileng o ya fifing, mme ga wediwa monongwaga ka Tlhakole.

O tlhalositse fa ditlhabololo tseo di dirwa fela ke banana ba metse go ba godisa le go ba nonotsha gore ba kgone ba itshetse.

Mme Emmanuel a re ba tlhabolotse kgotla ka go atolosa diofisi le go e ntshafatsa, a tlatsa ka go re go shafaditswe ntlo lehalahala ya motse le go e agela matlwana a boitiketso a metsi.

O ne a akgola dikgosi, VDC, le badiri botlhe go bo ba nnile pelotelele go tshwaraganela ditiro tsa ditlhabololo tsa metse ya bone.

Fa a akgela, Kgosi Moriti Kgagodi wa Kgagodi o boletse fa a itumeletse ditlhabololo tse, ka di godisa itsholelo ya motse le go tokafatsa matshelo a batho. 

Mono ngwaga kwa Kgagodi, go solofetswe go agelela mabitla, lefelo la matlakala ga mmogo le mabala a metshameko.

Gone mo ditirong tse, go solofetswe go thapiwa banana ba ba sa bonang monyetla mo ditirong tsa ngogola. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Kutlo Orman

Location : DILORO

Event : Potsolotso

Date : 12 Jun 2018