Breaking News

Ba rutuntsha dikgosi

12 Jun 2018

 Modulasetilo wa  khansele-potlana ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara wa Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi, o supile fa a itumelela dithuto tse di rulaganyeditsweng dikgosi tsa kgaolo potlana ya Letlhakeng, tsa go kgaola letlalo la borre, a supa fa di tlaa ba rotloetsa go rotloetsa morafe go tsaya lenaneo leo ka tlhoafalo.

Rre Batlhophi o buile jaana fa a amogela baeng kwa thuto-puisanyong eo, e e neng e tshwaretswe kwa motseng wa Letlhakeng bosheng.

O ne a kopa dikgosi go bua ka kgang e ba phuthologile, ba rerisanye gore go ka dirwa jang gore go somarelwe tshaba e e nyelelang.

Mogolwane go tswa kwa lekgotleng le le ikemetseng la ACHAP, Rre Batumi Judge o ne a supa fa maikaelelo a tiro eo e le go fa dikgosi bokaedi ka tiro ya go kgaola letlalo la borre, go ba neela kitso ka loaro le le babalesegileng la borre, go lemoga seabe sa bone ka lenaneo leo, le go simolola botsalano le bone go tokafatsa loaro lwa borre.

Mooki go tswa kwa kokelong ya Letlhakeng, Rre Kabelo Baloganye, o ne a supa fa batho ba le 2.6 million mo lefatsheng ba na le mogare wa HIV, fa ba le 1.8 million ba tlhokafetse ka ntata ya tse di amanang le jone. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Thuto puisanyo

Date : 12 Jun 2018