Ba-na-le bogole ba ntsha maduo
12 Jun 2018
Modulasetilo wa komiti ya ba-na-le bogole, Rre Ben Letshwiti o supile fa temo ya merogo mo tshingwaneng ya ba-na-le bogole kwa Mogobane e ntsha maduo.
A re temo ya merogo mo tshingwaneng e, e tswela ba-na-le bogole mosola ka jaana e ba fa lesedi ka tlhokomelo le thekiso ya merogo.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Letshwiti o tlhalositse fa pereko ya ba-na-le bogole mo tshingwaneng e, e tsisa pharologanyo mo matshelong a bone ka gore ga ba sa tlhole ba kaila mo mekgwatheng go sena se ba se dirang e bile e ba fa seriti gammogo le kitso.
O buile fa ba setse ba thapile ba-na-le bogole ba fera bobedi ka lenaneo la Tirelo Sechaba.
Modulasetilo o bua fa mokgatlho o o itebagantse le ba-na-le bogole ka go farologana, mme ka ntlha ya go tlhoka sepalamo se se ba tsayang kwa malwapeng le go ba busa, bangwe ba felela ba ikgogela morago ka lebaka la bokgakala.
“Re eletsa go bona ka letsatsi lengwe re na le koloi e e phakedisang ba-na-le bogole ka gore ba bangwe ba itsapisiwa ke go tsamaya sekgala,” a tlhalosa jalo Rre Letshwiti.
Rre Letshwiti o buile fa lemme le ba le bonang le dira pharologanyo.
O tlhalositse fa ba ipapatsa mo makalaneng a puso ka go farologana, gape ba tsena motse le motsana.
A re monongwaga ba lemile tamati, namuni, kwii le spinach.
O buile fa banni ba motse wa bone le e e mabapi ba ba eme nokeng.
A re thotloetso ya bone e supa fa ba na le bone mo moonong wa go fetola matshelo a ba-na-le bogole le go ba fa lorato.
Rre Letshwiti o tlhalositse fa mo-na-le bogole mongwe le mongwe a tlhokana le lorato le kemo nokeng ya setshaba.
‘Ba-na-le bogole ba na le ditoro fela jaaka mongwe le mongwe, mme kemo nokeng ya batho le lorato ke dilo tse di ba dirang gore ba tie moko.
Fa ke na le bone jaana, ba mpolelela nako le nako ka ditoro tsa bone, mme ke dira le bone gore ba di kgone.
A re keletso ya gagwe ke go bona ba-na-le bogole ba bangwe mo motseng ba dira le bone mo tshingwaneng ya merogo gonne go ba bula ditlhaloganyo gape go ba fa dikitso tsa temo-thuo le tsa go tsamaisa dikgwebo.
Rre Letshwiti o tlhalositse gore keletso ya bone e ka diragala fela fa setshaba se ka simolola go tsaya tsia maiteko a ba-na-le bogole.
O tlhalositse fa toro ya bone e le komiti ya ba-na-le bogole e le go bona ba dira thuo ya dikoko le ditlhapi, e bile gape ba na le ntlo lohalahala e ba e hirisetsang morafe go itirela madi gonne madi ke kgwetlho mo go bone.
A re ba sa ntse ba tlhoka thotloetso e e tseneletseng mo setshabeng ka jaana ba setse ba tlhaelelwa ke didirisiwa di le mmalwa go ka tsamaisa ditiro tsa malatsi otlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : MOGOBANE
Event : Potsolotso
Date : 12 Jun 2018



