Bodiragatsi ke kgwebo mo bananeng
12 Jun 2018
Badiragatsi ba mmino wa dikhwaere ba na le go tlhagafalela mmino wa bone ka e le kgwebo e ba ka itshetsang ka yone le go tokofatsa matshelo a bone.
Mafoko a, a builwe ke molomaganya ditiro mo lephateng la tlhabololo banana metshameko le ngwao mo Kgalagadi Mme Betty Gaotilwe kwa dikgaisanyong tsa kgaolo ya Western Region kwa Tsabong ka Matlhatso.
Dikgaisanyo tseo tse di akaretsang ditlhopha go tswa mo Kgalagadi le Ghanzi di ne di tseneletswe ke ditlhopha tsa dikhware go tlhopha khwaere e e tlaa fetelang kwa legatong la bofelo la dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona kwa Gaborone kgwedi e e tlang.
Mme Gabotilwe o tlhalositse fa pele maikaelelo a dikgaisanyo tseo e le go epolola botswerere jwa badiragatsi, go tsosolosa, go rotloetsa le gone go somarela ngwao.
A re jaanong mo nakong eno maikaelelo a bone ke go ipapatsa mo setshabeng, go tlhama diphatlha tsa mebereko, go dira dikgwebo ka go nna le seabe mo itsholelong ya lefatshe leno ka go oka bajanala.
O boletse fa gape e le go godisa popagano le tshwaragano mo merafeng e e farologanyeng mo lefatsheng.
Ka jalo o ne a gakolola ditlhopha tsa mmino wa dikhwaere go supa boitshwaro, botho le maitseo gongwe le gongwe fa go tshegediwang dikgaisanyo tseo teng ka setshaba se ka nna le tshepo mo go bone ka go eletsa go tsaya karolo mo ditirong tsa bone mme ba obe letsogo.
Dikgaisanyo tseo di ne di tseneletswe ke ditlhopha tsa mmino wa dikhwaere di le lesome le bosupa, mme khwaere ya Mahutsane go tswa kwa Kang e ne ya dira go swela go tlhomamisa gore e kgatlha matlho a baatlhodi ka go ikgapela maemo a ntlha.
Khwaere ya Mahutsane ke la bobedi e ntse e tswa ka tse di tsididi ka ene ya re le ngwaga yo o fetileng ya nna ya tswa ka tse di kwa pele mo kgaolong eo.
E ne ya longwa serota ke khwaere ya Young Dangerous Choir go tsholeletsa kwa godimo gape leina la Kang, fa maemo a boraro a ne a gapiwa ke khware ya Kagiso go tswa kwa Kokotsha.
Khwaere ya Mahutsane e e gapileng maemo a ntlha ke yone e tlaa fetela kwa legatong la bofelo kwa makgaolakgannyeng fa Young Dangerous Choir le Kagiso tsone di tlaa atswiwa ka P8000 le P5000.
Mothusa mokwaledi wa setlhopha sa Mahutsane Rre Lazurus Sekepe o ne a supa boitumelo jo bogolo a kaya fa maikaelelo a bone e le go tswelela ba dira ka natla go tlhomamisa gore ba tshegetsa maemo ao ngwaga le ngwaga.
Rre Sekepe o boletse fa khwaere ya gagwe e sale e tlhamilwe ka 1983 morago ga go tswa mo go ya Young Dangerous Choir.
A re e fetetse kwa makgaolakgannyeng makgetho a le mane ka 2013, 2015, 2017 le 2018.
A re moopelo ke selo se motho a tshwanetseng go tsena mo go sone ka go se rata e seng a patelediwa, ka jalo a gakolola ditlhopha tse dingwe go nna le tshwaragano, tirisano mmogo, therisano le go ipha nako ya go itlhokoletsa dikgaisanyo nako e sa ntse e le teng ka seo se ka thusa go tokafatsa le go tlhabolola bodiragatsing jwa bone go ya pele.
Moatlhodi mogolo mo letsatsing leo Rre kopano Mantswe o ne a bolela fa bone e le baatlhodi ba sala morago mokwalo o o laolang ka fa ba atlholang ka teng, a gololola ditlhopha go itsolopaganya mo pineng e ba gaisanang ka yone ka go ntsha molodi o o kgatlhisang.
Rre Mantwe o kaile fa botlhe ba tshwanetse go remelela mo setlhogong, go supa boitumelo ka go natetsha pina e bile ba tsamaelana ka seo se ka kgatlha matlho a baatlhodi, a kaya fa moopelo o le botlhokwa ka o sidila maikutlo le tlhaloganyo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 12 Jun 2018



