Ba Ramotswa ba galaletsa lenaneo
12 Jun 2018
Puso e tsweletse ka go tlhabolola matshelo a Batswana ka go ba fa sebaka sa go inaakanya le mananeo ka go farologana.
Lengwe la mananeo ao, ke la nyeletso lehuma, le mongwe wa banni ba Ramotswa Mme Sinah Molefhi wa kgotla yoo-Nare a neng a inaakanya le lone.
O tlhalositse fa e ne ya re ka 2016, a thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma, a fiwa dikoko di le masome mabedi le botlhano; poo tse nne le tse di namagadi di le masome mabedi le bongwe.
Mme Molefhi yo o dingwaga di masome a supa le bobedi a re o ne a agelwa hoko ya dikoko, a fiwa melemo ya dikoko ka go farologana.
O supile fa dikoko tsa gagwe di ne tsa ata.
A re o rekisetsa puso dikoko gore e abele ba bangwe ba nyeletso lehuma.
‘Ke rekisetsa le batho ba motse,” ga bua Mme Molefhi.
Mme Molefhi o tlhalositse fa a nosa dikoko tsa gagwe mokgwapha le potase go thibela malwetse.
A re ngwaga o o fetileng dikoko tsa gagwe di ne tsa aswa ka bontsi di bolawa ke bolwetsi.
A re le mororo dikoko di ne tsa swa ka bontsi, ga a ise a itlhoboge go nne a itse fa kgwebo nngwe le nngwe e tletse dikgwetlho.
A re ka dipoelo tse di tswang mo kgwebong, o kgona go tlhokomela ba lelwapa la gagwe, fa bontlha bongwe a bo busetsa mo kgwebong ka go rekela dikoko melemo le dijo.
Mongwe wa banni yo ene a thusitsweng ka lenaneo la LIMID Mme Dinogana Ntshwene wa kgotla ya Magama o akgoletse puso go namola Batswana mo lehumeng.
Mme Ntshwene o ne a fiwa dikoko di le masome mabedi le botlhano ka 2015, mme se, sa mo thusa go fetola botshelo jwa gagwe.
Mme Ntshwene yo o dingwaga di masome a supa le bongwe, a re dikoko tsa gagwe ke tsa mefuta ya morubisi.
O tlholosa fa mofuta oo e le o o neng o mo okela bareki.
A re o rekisetsa banni ba motse, a tlhalosa gape fa ba LIMID le bone ba reka mo go ene gore go thusiwe ba bangwe.
Mme Ntshwene o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle ntswa a sokodisiwa ke ba ba rekang mo go ene ka sekoloto ba bo ba tsamaela ruri.
A re ka gore o ititeile sehuba, se ga se mo kgobe marapo ka ene maikaelelo a gagwe e le go fetola botshelo jwa gagwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : RAMOTSWA
Event : Potsolotso
Date : 12 Jun 2018



