Breaking News

Saint Hosana e rotloetsa itlhatlhobelo mogare

12 Jun 2018

E re ka puso e tswa kgakala e kopa dikereke go nna le seabe mo go thuseng go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV, ba Saint Hosana kwa Chadibe ba supile seabe sa bone ka go letlelela ba kokelwana ya Tlhalogang mo Chadibe go tla go ba tlhatlhobela HIV kwa kerekeng

E sale beke tse pedi tse di fetileng, ba kokelwana eo ba ntse ba tlhoma tante fa kerekeng Sontaga mongwe le mongwe go tlhatlhobela maloko mogare.

Mo potsolotsong le BOPA, moeteledipele wa Saint Hosana Arch-Bishop Samuel Olaotse o tlhalositse fa ba tsere tshwetso e go araba selelo sa puso sa gore dikereke di thuse mo go rotloetseng maloko go itlhatlhobela mogare le go lwantsha HIV/AIDS.

A re fa maloko a itse seemo sa bone go ka thusa gore ba bone dithuso jaaka diARV nako e sale teng le go anywa dithuto tsa gore ba itshware jang fa ba tshwerwe ka mogare le fa ba sena nao.

A re tiro e ntle e e dirilweng ke ba kokelwana ya Thalogang e mosola ka ba kgonne go tlhatlhoba palo e ntsi ya batho, e bile se ba se dirileng e le go isa ditlamelo kwa bathong.

A re ga se mongwe le mongwe yo o ka kgonang go ya kokelwaneng go itlhatlhoba fa gare ga beke ka ntlha ya ditshwarego tsa botshelo, ka jalo kgang e e thusitse maloko a kereke ya gagwe gore ba bone monyetla wa go itlhatlhobela mogare.

Arch-Bishop Olaotse o ne a tlhalosa fa e le ba kereke ya Saint Hosana ba aga ba rerela maloko lefoko la Modimo, ba kgala dilo tse di duleng mo tseleng jaaka go nna le bakapelo ba bantsi le go itlhaganelela tlhakanelo dikobo ga banana.

A re dilo di tshwana le kgokgontsho ya bong di tshwanetse go rutwa mo dikerekeng di bapisiwa le lefoko la Modimo, ka le tsone di ka rotloetsa kanamiso ya mogare.

A re ba butse dikgoro ka nako tsotlhe, ka jalo ba botsogo ba gololesegile go ka ba tsisetsa mananeo kwa kerekeng mme a rotloetsa dikereke tse dingwe gore le bone ba bulele ba botsogo dikgoro fa ba batla go tsisa ditlamelo gore maloko a akole dithuso le dikgakololo tse tsa mahala.

O ne a kgala bangwe baeteledipele ba dikereke ba ba kganelang maloko go tsaya kalafi go balelwa le dipilisi tsa di ARV.

A re jaaka mmuso o tlhalositse, ga go na kalafi ya AIDS, ka jalo kgang ya gore baruti le baporofiti bangwe ba kgona go alafa bolwetse jo ke ditsiabadimo fela.

E rile a ntsha la gagwe, moeteledipele wa banana ba Saint Hosana Rre Mohumiemang Mothobi le ene o ne a galaletsa maiteko a ba kokelwana ya Thalogang. A re banana ba kgonne go itlhatlhoba ka dipalo tse di kwa godimo, e bile ba amule dithuto tsa badiri ba kokelwana.

A re itlhatlhobelo mogare e ne ya ngoka le bangwe ba dikereke tse di gaufi tota, go supa fa e le ruri se e le maiteko a mantle a a dirilweng ke kokelwana. A re ba tsile go tswelela ka go nna ba rutana ka boitsholo jo bontle mo komiting ya banana gore e re ka moso ba bo ba le tšhaba e e itekanetseng.

Rre Mothobi o ne a tlhalosa fa keletso ya gagwe e le go bona ba kokelwana e ba tlhatlhobela batho mogare gape kwa ba leng bantsi teng jaaka kwa metshamekong, kwa diphuthegong tsa kgotla jalo le jalo. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : CHADIBE

Event : Potsolotso

Date : 12 Jun 2018