Baithuti ba 1988 ba abela baithuti
12 Jun 2018
Baithuti ba pele ba sekole se segolwane sa Makome ba ba feditseng ka 1988 ba ne ba abela basetsana ba sekole seo ba le 245 di dirisiwa tsa go tlhapa le mesangwana.
E rile a amogela batsena moletlo, mothusa mogokgo wa Makome, Mme Dorophy Marema a tlhalosa fa sekolo seo se sa dire sentle mo dithutong.
Mme Marema a re se se ka tswa se dirwa ke mabaka a le mantsi a tshwana le go tlhoka tirisano mmogo ya batsadi le barutabana, ka bontsi jwa batsadi ba nna kwa merakeng mme ba sa kgone go kopanela thuto fa ba bilediwa bokopano kwa sekoleng.
O ne a supa fa ba lebanwe ke letlhoko la dibuka le motshhine o o ntsifatsang dipampiri tsa ditlhatlhobo mo ba patelesegang gore ka nako dingwe ba tlosolose nako ya go kwala ditlhatlhobo ka go sena kwa ba ka bonang thuso teng.
O ne a supa fa kgwetlho e nngwe e e dirang gore sekole se bo se sa dire sentle e le go tlhoka go tsena sekole sentle ga baithuti bangwe.
Fa a tlhalosa maikaelelo a bone, Rre Goleba Kgari yo e leng modulasetilo wa Class of 1988, o ne a supa fa se e le tshimologo ya tse dikgolo, ka maitlamo a bone e le go bereka mmogo le ba-na-le seabe ba Mmadinare gore sekole se kgone go ntsha maduo.
Rre Kgari o ne a supa fa ba ikgaogantse ka dithophana tse e tlaa reng morago ga dibeke tse pedi dingwe le dingwe, ba bo ba ka boela kwa sekoleng sa Makome go ya go neela bana lefoko la kgothatso le go ba rotloetsa go bereka ka natla gore ba kgone tse ba di batlang mo botshelong.
O ne a kgothatsa bana ba Makome go inaakanya le Modimo ka seo se ka dira gore ba nne le poifo mo go direng tse di duleng mo tseleng.
Leloko la SPEDU, Rre Motlamorago Gaseitsiwe o ne a galaletsa baithuti ba Class of 1988 go bo ba bone go le botlhokwa go thusa bana ba sekole ka go le thata mo batsading bangwe go ka rekela bana didirisiwa tsa go nna jaana.
Rre Gaseitsiwe o ne a supa fa barutabana ba dira tiro e ntle ya go bopa bana gore e tsoge e le batho ba boleng, mme ba tlhoka kemonokeng ya batsadi le setshaba ka kakaretso.
O ne a kgothatsa bana go ikgapha mo ditirong tsa marato ka di sena maduo a mantle.
Kwa bofelong, mookamedi wa thuto go tswa kwa moding mo kgaolong ya Bobirwa, Rre Moses Tshetlhana o ne a supa fa puso e lemoga e bile e lebogela seabe se se dirwang ke Batswana le dikompone tse di ikemetseng go thusana le yone mo go godiseng serodumo sa thuto. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Mmadinare
Event : Kabo Dimpho
Date : 12 Jun 2018



