Breaking News

Banna ba lekgotla ba ipelafatsa ka koma

12 Jun 2018

Merafe ka go farologana e na le se e ipelafatsang ka sone.

Mengwe e ipelafatsa ka dipina le poko, e mengwe e ipelafatsa ka di-tsa tlholego tse ba nang le tsone fa Setlhopha sa Banna ba lekgotla sone se ipelafatsa ka kopelo ya dikhwaere.

Setlhopha sa Banna ba lekgotla se tlhamilwe ka 2013, kwa dikhwaereng tsa patlelo.

Ba re morago ga dikhwaere ba ne ba nna fa fatshe ba thulanya ditlhogo go bona gore ba ka godisa botswerere jwa bone jang.

Setlhopha se se tlhamilwe ke borre ba Kanye, ebong Montsho Bautu (36), Tumelo Keaikitsi (31) le Malebogo Simamma (36).

Mo potsolotsong boraro joo bo tlhalositse fa kopelo ya dipina tsa Setswana e le monate e bile e ngoka bareetsi go reetsa ka tlhoafalo go tsaya molaetsa wa pina.

Ba tlhalositse fa ba itemogetse gore dipina tsa dikhwaere di gasa molaetsa motlhofo, e bile di tlhaloganyesega sentle go na le tsa teme ya sekgoa ka gore di reediwa ke bagolo le bana, ga di tlogele ope kwa ntle.

Ba kaile fa ba lemogile gore teme ya Setswana e monate, e bile e tlhoka go tshegediwa ka ditsela tse di farologaneng.

Banna ba lekgotla ba buile fa dikhwaere le mmino wa setso di diretswe go natetsha, go gasa molaetsa ga mmogo le go kgatlha babogedi.

Ba tlhalositse fa e rile ka 2014, ba gatisa dipina tsa dikhwaere di le lesome, tse di neng di bua ka botshelo ka kakaretso, mme Batswana ba ne ba atla thata pina ya Kutlobotlhoko le ya Pelo robala.

Rre Bautu o tlhalositse fa pina ya Kutlobotlhoko e bua ka mahutsana a a kileng a ba wela e le diopedi, ka 2014 fa Donald Botshelo a ne a latlhegelwa ke botshelo, mme se sa tlogela kutlobotlhoko mo dipelong tsa bone, gonne DonB e ne le seopedi sa popota e bile a opela dipina tsa Setswana tse di nang le molaetsa.

A re pina e gape e ne e gasa molaetsa gore Batswana ba nne kelotlhoko mo botshelong gonne botshelo bo tletse tsotlhe tse di monate le tse di botlhoko.

A re pina e nngwe gape ke ya Pelo robala, o tlholosa fa yone e ne e itebagantse le bo rre.

Rre Bautu o tlhalositse fa pina e ne e kgothatsa borre go amogela diemo tse ba kopanang le tsone mo botshelong, a tlatsa fa borre ba bolaya bo mme ka ntlha ya lorato.

A re selo se, se supa fa borre ba palelwa ke go amogela diemo di tshwana le tsa lorato, dikgwetlho tsa madi, mme se se dira gore ba bolae bakapelo ba bone, a bo ba ipolaya le bone gonne ga ba kgone go amogela dikgwetlho tsa botshelo.

O tlhalositse fa dipina tse dingwe e le Pitse e tshweu, Re di pilara, Tau di ka lapa le O ba bolelele.

Banna ba lekgotla ba tlhalositse fa ba opela dikhwaere tsa bogologolo, mme ba di netefisitse ka modumo wa sesha. Ba buile fa ba bone go le botoka go tlhabolola dikhwaere tsa setso go somarela ditso.

O tlhalositse fa bontsi jwa banana ba fetoga fa ba tsena kwa ditoropong mme ba kgatlhegela dipina tsa mmino wa sekgoa gona le dikhwaere.

Go lwantsha seemo se, Banna ba lekgotla ba bone go le mosola go tlhabolola dikhwaere go busetsa banana mo ngwaong. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Galaletsang Letshoo

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 12 Jun 2018