Breaking News

'Sefofane sa metsi' se falotsa bana ba Satau dirai

12 Jun 2018

Le fa merwalela e beile badirisi ba tsela ya Kachikau-Parakarungu ka fa mosing, bana ba sekole se sebotlana sa Satau, ba ba nnang kwa kgotlaneng ya Masanzu ba mo boitumelong ka ntlha ya di-tla morago tsa merwalela.

Pele ga merwalela ya Chobe Enclave e tlhasela, bana ba sekole sa Satau ba ba nnang kwa Masanzu, ba ne ba bolawa ke go tsamaya ka dinao dikhilomethara di ka nna lesome go ya le go tswa sekoleng.

E ne ya re morago ga go tshela ga metsi a a neng a thiba tsela e bana ba e dirisang go ya sekoleng, ba National Disaster Management Office le ba ofisi ya ga molaodi ba tsibogela seemo ka go isa bana sekoleng le go boa ka mokoro.

Mo potsolotsong le BOPA, mongwe wa bana ba yo o dirang lokwalo lwa bosupa e bong Kutlwano Phuthego a re mokoro o o tsetse boitumelo mo go bone.

A re pele ga merwalela e, ba ne ba tlamega go phakela gore ba kgone go tsena ka nako kwa sekoleng.

O tlhalosa fa matshelo a bone a ne a le mo diphatseng ka tsela e e ne e na le diphologolo tsa naga jaaka ditlou, mme jaanong ka ba dirisa mokoro ga ba sa tlhole ba na le letshogo la go kopana le diphologolo.

Kutlwano o ne a boka mokoro oo, a re ke ‘sefofane sa metsi’.

A re pele ga merwalela e ne e re ka dinako dingwe ba dirise koloi ya sekole, mme gantsi e a bo e sena lookwane, ka jalo ba ya sekoleng ka la ga Moshe.

Rre Rebatho Selelo, yo e leng mokgweetsi wa mokoro, a re e sale ba simolotse go rwala bana ba ka Motsheganong.

Mme e bile ga go ise go nne le sekgoreletsi sepe mo tirong eo.

Mogokgo Mambo Molongwane yo e bileng e le mogokaganya ditirelo tsa mokoro o, a re merwalela e ba beile ka fa mosing, thata thata fa ba batla ditirelo kwa Kasane ba tshwanelwa ke go dirisa tsela e e dikologang e bile e le dithole.

A re ba ikgomotsa ka gore bana ba sekole jaanong ba sireletsegile mo diphologolong ka ba dirisa mokoro.

Mo letlhakoreng le lengwe, ba dirisi ba tsela e e gokaganyang Kachikau le Parakarungu mo nakong e ya merwalela ba lela sa khuranyo ya meno ka ba re tsela eo e kgakala e bile e lerole le le feteletseng mo go bayang botsogo jwa bone mo diphatseng. ENDS

 

Source : BOPA

Author : Meshack Moyenga

Location : SATAU

Event : Potsolotso

Date : 12 Jun 2018