Mopalamente o rotloetsa batsadi go emela thuto ya bana ka dinao
12 Jun 2018
Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraela Goya o kopile batsadi ba Palapye go emela thuto ya bana ba bone ka dinao.
A re ke yone e ka thusang lefatshe leno go goroga kwa phadisanong ya mafatshe.
O buile jaana mo phuthegong e a neng a e bileditse batsadi go ya go bua ka maduo a dikole tsa Palapye kwa kgotleng ya Palapye.
A re thuto ke yone e dirang gore lefatshe le tlhabologe ka gore tshaba e rutege.
A re tshaba e e rutegileng e nna le dikakanyo tse di tseneletseng, ka jalo go bo go kgona gore lefatshe le nne le ditlhabololo tse di nonofileng e bile di kgatlha.
Rre Goya o ne a lemotsha morafe gore bana ba lefatshe leno gore ba kgone go tsenelela dikgaisano tsa mafatshefatshe, ba tshwanetse go ithuta thata bogolo jang mo thutong ya maranyane.
A re maikemisetso a phuthego ke go tsholeletsa maduo a dikole tsa Palapye kwa godimo, go tokafatsa seemo se seleng teng gompieno sa thuto, gore bana ba motse ba tle ba bone diphatlha ka bontsi kwa BUIST.
Mopalamente Goya a re tsholofelo ke gore dingwe diemo tsa letlhoko la didirisiwa di tlaa tokafadiwa mo malatsing a makhutshwane, mme a fa sekai ka ditilo a re di tlaa goroga mo lobakeng lo lo khutshwane.
O ne a leboga ba komiti ya Palapye First Development Foundation, ba maloko a yone e leng batho ba Palapye ba ba tlogetseng tiro ka bogodi, go bo ba supile gore ba tlaa ithaopela go thusa go tokafatsa thuto ka fa ba ka kgonang ka teng le go nna ba etela dikole.
Mothusa modulasetilo wa komiti, Rre Lebofanye Kenosi a re mokgatlho wa bone o itebagantse le go lwantsha mathata le ditlhabololo tsa Palapye otlhe ka kakaretso le go itshwaraganya le barutabana mo thutong.
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Palapye, Rre Lesedi Phuthego a re batsadi ga ba duele dikole, a bolela fa dipalo di supa gore go duela fela ba le masome mabedi mo lekgolong, mme bontsi ga bo duele dikole.
E rile a bua ka go tlhoka tsebe ga bana a re ene o kopa gore mokgatlho wa Scripture Union o busediwe mo dikoleng, ka gore o ne o thusa thata mo go ageng bana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : PALAPYE
Event : Phuthego
Date : 12 Jun 2018



