Breaking News

Ba kopiwa go tsweledisa tshwaragano

10 Jun 2018

Banni ba motse wa Phuduhudu mo kgaolong ya Nhabe, ba kopilwe go tsweledisa mowa wa tshwaragano, lorato le tirisano mmogo o ba o supileng mo phitlhong ya kgosi wa motse oo bosheng.

Kopo eo e ntshitswe ke mopalamente wa kgaolo ya Maun Botlhaba, Rre Constantinos Markus.

A re tshwaragano e ba e supileng ka go nna teng kwa losong ka dipalo tse dintsi jalo e ka dira gore motse wa bone o gole.

A re bogosi bontle bo a itirelwa.

A re moswi Kgosi Bobotha Yokhwe o ne a itirela bontle joo a santse a le mo botshelong ka go kgobokanyetsa morafe wa Basarwa mo Phuduhudu gore puso e ba thuse ka ditlamelo.

Rre Markus o bile a ba kopa go tswelela ba gata mo ditlhakong tsa ga rraabo.

A re dibui tsotlhe di kaile fa e ne e le motho yo o bonolo e bile a le lorato mme a re botlhe le bana ba moswi ba ka itirela bontle joo.

Kgosi Keathotswe Mokenane wa Tsau, o ne a re ba lwapa la ga Rre Yokhwe ga ba a latlhegelwa ba le nosi, a tlatsa ka go re le bone kwa bogosing ba latlhegetswe ka jaana e ne e le motho yo o tswang ka megopolo e e nonneng nako le nako, e bile a kopanya batho ka lorato le a neng a na nalo.

O tlhalositse fa Kgosi Yokhwe a simolotse tiro ya gagwe ka 1979 e le kgosana e e kwalang mme ya re ka 1986 a tlhatlosiwa maemo go nna moemela kgosi ka e ne e le motho yo o botlhale, e bile a ntsha dikgakololo tse di agang setshaba.

Mothusa kgosi wa Batawana, Kgosi Bringle Dithapo a re ene o ne a itse Kgosi Yokhwe ka ngwaga wa 2014 fa a tsena mo bogosing jwa goo Tawana, a tlhalosa fa a ne a mo tlwaela ka bonako ka e ne e le motho yo o pelontle e bile a le botlhale thata.

A re o kgonne go ntsha Phuduhudu mo go nneng lefatshe la puso a o dira lefatshe la morafe, a re pele go ne go sena jaaka batho ba motse oo ba ka bewa ditsha ka jaana lefatshe leo e ne e se la bone mme gompieno ba na le ditsha.

O bile a kopa morafe go tswelela ka tshwaragano e ntle eo le gone go tsweledisa ditiro tse kgosi a neng a setse a di simolotse, bogolo jang tse di amang tlhabololo ya motse wa bone gore ba kgone go gola.

Kgosi Bobotha Yokhwe o tshotswe ka 1928, mme a tlhokafala kgwedi e e fitileng e le 25 kwa kokelong ya Gweta morago ga go lwala ka lobaka.

O tlogela mosadi le bana ba le barataro, basadi ba le ba bedi le banna ba le bane. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : PHUDUHUDU

Event : Phitlho

Date : 10 Jun 2018