Breaking News

Go tlhoka go tlhokomela ntsa ke molato

10 Jun 2018

Go rua ntsa o bo o e tlogela e saila le mebila ke tlolo molao.

Se se builwe ke Mme Lorato Enosa wa ofisi ya melawana  ya khansele ya Lobatse mo phuthegong ya twantsho borukutlhi e e neng e tshwerwe bosheng kwa Multi mo Lobatse.

Mme Enosa a re dintsa di tshwanetse go ruelwa mo segotlong se se ageletsweng e bile se na le heke e e tiileng go itsa gore e tswele kwa ntle.

A re batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore fa ba rua dintsa ba a di ithuela, ka jalo di tshwanetse go nna mo segotlong.

A re fa heke e sa tia, ntsa e tshwanetse go golegwa.

Mme Enosa a re ntsa fa e tswetse kwa ntle ga segotlo e ka loma batho le go tsholola ditanka tsa matlakala mme a gasame gongwe le gongwe.

A re fa ntsa e dirile mathata e le kwa ntle ga lolwapa, mong wa yone o atlholwa madi le go isiwa fa pele ga lekgotla.

O ne a bolelela banni ba Multi le Newlook gore go latlhela matlakala mo sebatleng ke molato.

A re ga go a tshwanela go nna le dithotobolo tsa matlakala.

O kopile ba ba nang le matlakala a a batlang go latlhwa jaaka ditlhare tse di kgaotsweng gore ba tshwanetse go thapa sekipi sa khansele.

A re yo o tlaa tshwarwa a latlhela matlakala mo sebatleng o tlaa atlholwa madi a a sa feteng dikete tse tlhano tsa dipula, mme e re a palelwa ke go duela madi ao, a sekisiwe.

O ne a supa matshwenyego ka batho ba ba latlhelang metseto ya bana mo ditankeng tsa matlakala.

Mo go tse dingwe, Mme Enosa o ne a tlhalosa fa go rekisetsa majalwa a sekgoa mo malwapeng go sa letlelelwe.

A re bojalwa jo bo letlelelwang go rekisiwa mo lwapeng ke jwa Setswana ka teseletso e e tswang kwa kgosing. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Terry Makgoeng

Location : Lobatse

Event : Phuthego ya twantsh borukutlhi

Date : 10 Jun 2018